Re gopola gae mo nakong ya maloba
Mo boitumelo bo renang ,
Batho ele ngatana,
Ammaruri dinako tseo di ile ka lenga la seloko .
Dinako tseo di ile le baileng boyabatho.

BoMmemogolo ba apeya dijo di le ntletsentletse ,
BoMalome ba nwa megodungwana e irilweng ka pelo e sweu,
BoNnake ba tshameka mo metsing a tapoloso .
Di ile tseo , botho , tlotlo le boikokobetse .

Re nna re lla ,
Re gopotse lefatshe la boMme ba rona ,
Re setse re lwela matlo a bona ,
Madi a baswi o na ga ke bue ka go nne ke lefu la gagwe le a mphedisa .
Re ikopela maitshwarelo go ba ba fetileng , ga se dilo tsa ka bomo . Mmuso ore tlhotse re tlhoka ditiro.

Tlhogoputswa o ne a goa , ba ba nang le di tseba ba mo adima tsona.
A bua gore lerato le botlhokwa,
Mafoko a o a feta le phefo,
A fofela kgakala kwa re sa bolong go fitlha.
Keletso tsa moremogolo tsa nyelela naye , molao jaanong ga busa wa kwa Rasai.
Tota kgaka e ntsho e fofa , mebala re e bona e sule.

Legae le ne la nna monate ,
Dipelo tsa bana ba motho di tlhapile,
Bana ba nkoko ese bo meno masweu,
Legae le thubegile , melao , kitso le tlotlo ya nyelela le bang ba lona.