Mosadi o tlile wa tlotlwa
Wa ratwa, osa tlailelwe
Oe tshwara thata kafa bogaleng
‘Tlalo ja nkwe le sa go Rone
Tlotla ya gago ele ya bagale
Wena mosadi, Mme wa Sechaba ! 
O fetogile njo ya manong jang?
Oh! Ramasedi. Re tshele jang?
Keledi kgadii! Ga di bolo go kgala
Dira, lo neetseng ntswa kgala?
Meno masweu lo iphehlelang?
Totatota, phoso ya mosadi ke eng?