CHAPTER 1: GA LE PHIRIMI- PATRICK MOGONEDIWA

E ne e le nako ya dinane, monnamogolo Nonyane a goditse molelo o motona. Jaaka metlha molelo o o ne o tshwana le wa ko lekgotlheng la kgosi. Nne a se nosi. O ne a na le Mosweu morwa wa gagwe yo a motshepang ka botshelo ba gagwe botlhe, le Tau setlogolo sa gagwe morwa Mosweu, Dikeledi mosadi wa ga Mosweu le mosadimogolo Gabutlwele yo o batlileng go latlhegelwa ke pono morago ga go bona seriti sa kolobe se kgabola mo letlhabaphefong mo gare ga mpa ya bosigo ka setlha sa mariga. Ene nne a sa tlhole a bonela kgakala. 

Mo molelong o monnamogolo nne a tlotlela setlogolo sa gagwe Tau gore ene o godisitse jang bana ba gagwe. Nonyane le mosadimogolo Gabutlwele nne ba tshogofaditswe ka bana ba le tharo, Mosweu e le ngwana wantlha, mme a salwa morago ke mawelana e bong Rraphefo le Mmaphefo bao ba dirang kwa Gauteng. Mosweu ene tiro ya gagwe nne e le go tlhokomela monnamogolo le mosadimogolo mo motseng wa Lorolwe ka gore monnamogolo Nonyane nne a itsi sentle gore motse o ga wa siama gotlhelele, go tletse bosinyi. 

Seo nne se sa tshose Nonyane ka sepe. Selo se nosi se nneng se motlhobaetsa boroko ke go bua ka boloi. Itsi gore monnamogolo o tlhopile Mosweu gore a ba tlhokomele ka lebaka. Mosimane o nne e le morapedi a dumela thata mo Modimong le fa a ne a sa utlwane le kereke mme tumelo ya gagwe nne e le e galalelang go fetisa. Baagi ba Lorolwe nne ba sa nosane metsi. Nne ba itana ka noga e tshela. Batho ba teng nne ba itsi sentle gore polao e ka baromela kwa kgolegelong mme ba e tsena ka tsela ya boloi ka gore ba itsi gore morago ga gona bopaki.

Motse o nne o ikadile mo dithabeng, o budule ka botala. Le noka ya teng nne e boitshega mme e tshabega thata, go se ngwana yo a kayang koo a le nosi ka gore ba ba itsing sentle ba bega fa e na le noga. Leruo la baagi ba koo nne le boitshega thata. Nonyane ene nne a na le dikoko fela ka gore nne a dumela gore koko ke yone e kgonang go ba kopantsha le badimo fa ba phatlha. 

Gabutlwele nne a na le moagisane yo a kgonang go itisa le ene e bong Mosela. Mosela o nne a sena monna, bana, ke raya le ditlhogolo tota nne a phela le katse ya gagwe le diganse fela. Itsi gore lesika la gagwe nne a sa utlwane le lone ka gore nne e le bakereki gape a nagana fa ba ipona.

Bobedi boo nne bo dutsi ka fo tlase ga setlhare mo lapeng la ga Nonyane. Mosela nne a bolelela Gabutlwele ka tsela e batho ba Lorolwe ba motlhoileng ka yone mme seo nne sa utlwisa Gabutlwele botlhoko. E rile ntse ba tshwere dikgang gwa tsena Rraphefo a tshwere morwalo go supa fa a tswa tirong a tliseditse ba lapa dijo jaaka metlha. Ka boraro ba bone ba tsena ka ntlong. Gabutlwele ene o ne a itsi gore pelotshweu e ntsha lobelo, pelontle ke leswalo. O ne a kgaogana dilo dingwe le Mosela. Seo sa tlisa boitumelo mo go ene. Ga a ka a senya nako. 

Erile fa a fetsa go fiwa sengwe a tsamaya mme morago ga sebaka gwa tsena tlhogo ya lapa Nonyane le Mosweu. Erile fa ba tsena a se senye nako, a kopa go itsheba le mosadimogolo kontle. O ne a itsisi Gabutlwele gore baagi ba Lorolwe ba nagana fa Mosela e le moloi jaanong a sa tlhole a tla fa lapeng la gagwe. Itsi gore ga go bonolo go bolelela motho mafoko a gore a sa tlhole a tla fa lapeng la gago. Monnamogolo Nonyane nne a le mokhutswane ka mmele o mosesane jaaka wa mosimanyana, matlho a le makima fa ditlha tsone di wetse nkare tsa motho a momona morula. Molomu nne o le montsho o dirwa ke go goga peipi motshegare otlhe. Mme itsi gore nne a na le nako ya gagwe ka gore nako dingwe, o bonolo fa o itebetse o nna bogale gape nne a batla gore fa a bua go diragale jaaka a buile.

CHAPTER 2- GA LE PHIRIMI- PATRICK  MOGONEDIWA

Mo mosong Nonyane a phakelela kwa lapeng la tsala ya gagwe e bong Modisenyane go adima pitsi gore a kgone go kuka Rraphefo maoto go leba kwa tseleng e kgolo. Nne a sa iphotlhara. Nne a tshwere mae gore a leboge tsala ya gagwe. E rile a tsena koo Modisenyane a gana mae ka gore nne a itsi gore mabogo dinku a thebana. Nonyane o ne a tsaya pitsi a latela Rraphefo mme ba tsena mo tseleng. Erile ba lebile noka e kgolo ya Lorolwe, Rraphefo a tlhalosetsa rragwe gore o batla go tlhabolola kwa gabo mme seo sa tlisa boitumelo mo go monnamogolo. 

Monnamogolo le ene ga a ka a senya nako. Erile a tsena kwa lapeng a itsisi ba lapa la gagwe. Itsi gore Mosela nne a le teng ka nako eo mme seo ga sa tsaya monnamogolo sentle. Erile a fetsa go ba itsisi a senya sefatlhego a tswela ko ntle. Gabutlwele nne a itsi sentle gore tau ya rora. A kopa Mosela go tsamaya le ene kwa masimong go kgetlha morogo. Erile ba tsena koo a kgona go bua le Mosela gore a sa tlhole a legata kwa lapeng la gagwe. Mosela a morotolela matlho go supa fa a makala mme a se bui sepe, a retologa a tsamaya.

Letsatsi nne le le gaufi le go phirima. Nonyane nne a na le Modisenyane kwa sekgweng go batla dikgong. Itsi gore Nonyane o ne a bua sengwe le sengwe le tsala ya gagwe ebile nne setse a moitsisitse le gore Rraphefo o batla go tlhabolola kwa lapeng la gagwe mme a kopa maele gore a simolole kae. Erile fa ba fetsa go selasela ba pana pitsi ba tsena ka tsela. Ga ba tsena ka motse ba kgaogana mongwe le mongwe a leba kwa ga gagwe. Modisenyane a raya Nonyane gore setse ba godile ga go botlhokwa gore ntlo e tlhabololwe. Se ba tshwanetseng go se dira ke go reka dipitsi gore ba setlhole ba adima tsa batho kgotsa ba reke leruo. Nonyane a mo fetola ka gore madi ke a ngwana wa gagwe e seng a gagwe, jaanong a ka seke a mo tsela ditshweetso.

Morago ga kgwedi gwa tsena lori ka motseng wa Lorolwe mme batho botlhe nne ba e rotoletse matlho, ba batla go bona gore e lebile kae. Rraphefo nne e le mokgwetsi wa lori e. Mo go yone nne go pegilwe dilo tsotlhe tsa go aga ntlo go supa fa nako ya go tlhabolola kwa gabo e fitlhile. Erile fa e tsena ka lapa a kopa basimane ba ga Modisenyane go mo thusa go folosa ka gore Nonyane le Mosweu nne ba le kwa sekgweng go tsoma. Erile ba fetsa go mo thusa a ba leboga ka lekgolo la diranta ga a fetsa a ikgata motlhala mosimane ka gore nne a adimile lori ko tirong. Basimane ba ga Modisenyane e rile fa ba tsena kwa gabo Modisenyane a tsaya madi a bone ka gore tota nne ba sa tia ditlhaloganyo go le kalo. 

Gabutlwele o ne a kopa Dikeledi mosadi wa Mosweu gore a ba leletse a ba itsisi gore Rraphefo ntse a tlisitse dilo tsa go tlhabolola ntlo mme tseo ya nna dikgang tse di monate thata mo tsebeng tsa ga Nonyane. Monnamogolo o ne a leboga bo rramoshe le dikgong tsa gagwe ka matla a kwa godimo ka ntlheng ya boitumelo. Ka go tlhoka lesego a kgopiwa a wela fatshe. Botlhoko e rile ntse a lefatshe a thikita tlhogo a ipotsa gore tota o lekwa ke mang. Mosweu o ne a tlhomogile pelo mme a mo kgotatsa ka gore ke sesupo sa gore o dirile ka thata mme monnamogolo ene o ne a itsi sentle gore o wele. Ka lebaka le, ga a leba gae o tsamaile ka pelaelo. Ga ba tsena ba fitlhela Modisenyane a dutsi fa pele ga ntlo a feleletsa mogodungwana yo a o tsheletsweng ke Dikeledi. Ga fetsa go kgaritlha a emelela ka dinao a ntsha madi a Rraphefo a lebogileng basimane ba gagwe ka o ne. A neela Nonyane.

“Ntse ke go emetse ke batla go neela madi a ka gore ga ke rate fa nna le wena re thusana, morago e be re lebogana. Wa itsi gore nna le wena re ditsala tsa tlhogo ya kgomo gape o moagisane wame,” ga bua jalo Modisenyane a motlhalosetsa le gore madi a tswa kae morago ga go dira eng, ga fetsa a tsamaya. 

Mo gare ga bosigo ba letsatsi leo mosadimogolo a utlwa katse e lela ko phaposing ya ga Rraphefo ya borobalo. O ne a tsosa Nonyane a mo kopa go okomela phaposi eo. Nonyane o ne a tshuba kerese. Erile fa a tsena ka phaposi ya ga Rraphefo kerese ya tima. Mogala wa letheka wa lela. Nne e le Rraphefo a mo itsisi gore dipone tsa lori di timile, ebile e gana le go ema. 

Setshwantso se se nneng se kgabisitse mo leboteng sa wela fatshe mme mo mogaleng wa letheka a utlwa Rraphefo a gowa. Fa ntse a reeditse a utlwa modumo wa dijanaga di thulana mme mogala wa kgaoga. Pula ya fafatsa bikinyana morago ga metsotso ya ema. Nonyane nne a ntse a eme foo a ipotsa dipotso gore a Rraphefo o siame kgotsa jang. A sa eme, a utlwa lentswe la gagwe letswa mo phaposing eo, le re le nna ke tlhogo ya lapa le, ke tau ka itlhabela. Nonyane a tswala phaposi a boela ko go ya gagwe. Fa a tsena koo a fitlhela mosadimogolo a sule ka boroko. Le ene a tsena ka dikobong a ithobalela. 

CHAPTER 3- GA LE PHIRIMI- PATRICK  MOGONEDIWA

Phakela Mosweu fa a tsoga a makala go bona Tau morwa wa gagwe a kolobile mmele otlhe. O ne a mmotsa gore go rileng. Tau o ne a bolelela rragwe gore bosigo ga a kgona go robala ka gore malome wa gagwe Rraphefo o letse a tlile go mo tsaya, e be ba leba kwa nokeng. Mosweu a fetoga semumu. Ga a fetsa a tswela ko ntle go tlhola Nonyane mme nne go se ope ko ntle. A kgakgamala gore gompieno go diragalang fa letsatsi le tswela rragwe mo dikobong. O ne a dula sebaka sa ura a le nosi ko ntle go se ope yo tsogang. Morago ga sebaka Nonyane a tlhaga a kueletsa mosi ka peipi ya gagwe. Mosweu nne a tshaba go botsa gore ke eng a tsogile nako e ka gore nne a itsi sentle gore fa rragwe a tsoga a e lomile ka meno mathata a teng. 

Nonyane o ne a gogela Mosweu kwa tlase ga setlhare a mmolelela gore sengwe se teng kwa phaposi ya ga Rraphefo, mme ga se bonale go tswa lentswe fela. Mosweu a tshwakantsa kgang ya ga Tau le rragwe sentle. Ga a fetsa a tsaya sefapano sa gagwe a leba kwa phaposing eo go bona gore go diragalang. Erile fa a bula moriri wa gagwe wa sobokanya, a tswala gape mme a tswela ko ntle. 

“O opile kgomo lonaka rre go sengwe se se boitshegang ko phaposing ele,” a bua jalo Mosweu. Erile ntse ba eme ditlhogo gwa tlhaga Modisenyane a lela a tshwere mogala wa letheka. Nonyane ka makalo a botsa gore gorileng. Gabutlwele a ba bolelela gore Rraphefo o tlhokafetse. Botlhe ba hutsafala, ba robega dipelo.

Morago ga beke ba fetsa go fitlha Rraphefo. Modisenyane a kopana le Nonyane a mo itsisi gore ene le ba lapa la gagwe ga ba bona boroko, jaanong o kopile ngaka ya ditaola gore e mekamekane le lapa la gagwe. Nonyane a makala mme le ene a bua tsotlhe tse di diragalang mo lapeng la gagwe. A itsisi Modisenyane gore le ene fa nkebe a na le madi nne a ka kopa ngaka gore e fete ka lapeng la gagwe fa e fetsa kwa motseng wa ga Modisenyane. 

“Nnya monna, se tshwenyege ka madi. Nna le wena ra tshwana. Le nna ga kena sepe ke duetse ka pitsi e nosi. Le wena fa o batla thuso ke tla go duelela ka pitsi ya bofelo. Seo se supa gore ke tsala tota. Kgotsa rekisa dilo tse tsa go aga ntlo gore o nne le madi,” a bua jalo Modisenyane mme Nonyane a mo fetola ka gore pitsi e botoka. eseng dilo tsa ntlo. Nne gwa nna fela jalo. 

Erile fa ngaka e fetsa kwa motseng wa ga Modisenyane a tsena ka lapeng la ga Nonyane a berekana le lone. Ga a fetsa a kopa go tsena ka phaposi ya ga Rraphefo a le nosi. Morago ga sebaka sa ura a tswela ko ntle a itsisi batho ba lapa gore ntse ba phela le thokolosi, mme ba se tshwenyege ka gore e tlhanotse direthe, e ka se gate gape fa lapeng le. Mosadimogolo o ne a botsa gore a e rometswe kgotsa e tlile fela. Ngaka ya bolelela Gabutlwele gore e rometswe mme e rometswe ke motho wa mosadi yo lefufa mo go bone. Nonyane a tlhoma Gabutlwele matlho ka gore o ne a nagana gore motho wa dilo tse ke Mosela, mme ngaka ya digela ka gore kwa phaposing o tsentse thobane e thatilweng ka dibaga mme thobane eo e seka e be ya tshwarwa ke ope, gape phaposi e dule e butswe ka nako tsotlhe. Ga ngaka e fetsa ya tsena ka tsela ya leba kwa ga Modisenyane go tsaya dipitsi tsa gagwe tse a duetsweng ka tsone. Itsi gore Modisenyane nne a na le dipitsi tse pedi fela. Jaanong morago ga tiro e, o sala a sena sepe a tshwana le mongwe le mongwe. 

Morago ga tsotlhe tse gwa nna sentle mo malapeng otlhe mme Nonyane le Modisenyane nne ba sa batle go bona Mosela ka gore ba dumela fa e le ene mongwe wa dilo. Itsi gore Mosela nne a tshepetse mo go Gabutlwele fa a tlhaselwa ke rra matheka. Jaanong dilo di fetogile. Mosadi nne a e pata ka boroko fa motshegare a tlhola ka metsi ka gore nne a sa batle go sokodisa ope. Nne a na le diganse jaanong nne di bodisa mae di a dira makhuwe. Seo nne se tlisa kutlobotlhoko mo go ene. Tsatsi lengwe a bona gore ga a na matla a ipolelela gore sebodu ke sa legano sa nko se latsa le tlala. O ne a tsaya mae a bodileng a tlhatlhega. Morago a ja a tswetse matlho.

Morago ga kgwedi Mosela a lora mo lapeng la ga Nonyane go tsogile kgabo ya molelo. A tsoga a okomela ka letlhabaphefo, a bona dilo di gana go fela. O ne a bona monnamogolo wa moloi kwa lapeng la ga Nonyane. A ragoga foo. Fa a tswela ko ntle a bona molelo o simolola go tuka kwa lapeng leo. O ne a ya a tabogile mme fa a tsena koo a tsena molelo setse o boitshega, mme a pateletsa go tsena a tsosa batho botlhe. Ba lapa ba kgona go tswa. Nonyane ka go makala a ipotsa gore go diragalang, mme a tlhoka le mafoko.

Mosela o ne a ba neela maroko. Mo mosong a ba itsisi botlhe gore tiro e yotlhe ke ya boloi. Nonyane ka go makala a mmotsa gore ene o itsi jang mme Mosela a mmolelela gore Modisenyane ke ene motho wa dilo tse tsotlhe. Fa e le gore ga ba dumele ba batle ngaka go ba thusa. Nonyane o ne a rekisa dilo tsa go aga ntlo a batla ngaka e gaufi le motse wa bone go tla go ba thusa. Leina la ngaka e, nne e le ntate Sefako. Fa a tsena sefako Modisenyane a mo gata motlhala go ya kwa lapeng la ga Nonyane. Fa a tsena Nonyane a raya Sefako gore dilo tsotlhe tsa boloi tse di mo lapeng la gagwe, di boele kwa mothong wa tsone. O ne a bua jalo fa pele ga Modisenyane. Fa Sefako a simolola, Modisenyane a retologa a tsamaya. Fa a tsena kwa lapeng la gagwe, a tsaya mosadi le bana ba gagwe ba tsena mo tseleng. 

“Monna mo lapeng la gago nne go epilwe mabitla. Jaanong motho yoo a epileng o ikepetse one,” ga bua jalo ntate Sefako. 

“Jaanong ke mang motho oo?” gwa botsa jalo Nonyane, mme ntate Sefako a mo araba ka gore ga le kitla le phirima e se a kereye karabo.

Phakela pele mokoko wantlha o lela batho ba motse ba letsa phala kwa nokeng. Nonyane le ba lesika la gagwe ba tabogela koo go bona gore go rileng. Fa ba tsena koo ke ga Modisenyane, mosadi le bana ba kgamilwe ke metsi ba tlhokafetse.

The end