“Helo, a o mosha fano?” mosetsana mongwe a mpotsa. O ne a lebega a siame fela. Yunifomo ya gagwe ya sekolo e ne e le khutshwane go se kae, mme diyunifomo tsa bontsi jwa basetsana ba Joburg di ne di ntse jalo legale. Ene o ne a le botoka ka gonne o ne a iphuntse ditsebe fela.

“Ee, ke mosha fano. Ke na le mo e ka nnang beke ke le fano.” Re ne re le mo tlelaseng ya Dikwalwa tsa Seesemane, nngwe ya ditlelase tse ke di ratang thata. Ke sone fela se se neng se le botoka go na le kwa Nokeng, ka baka la morutabana wa Dikwalwa tsa Seesemane, Rre Modise. Go ne go bonala gore o ne a rata dikwalwa mme phisego ya gagwe ka tsone e ne e dira gore le wena o e rate. Re ne re bala ka Macbeth ya Shakespeare, e ke neng ke ntse ke akanya gore nka se e rate, mme ke ne ke e rata. E na le dikgakagamatso tse dintsi le diterama. Go ne go le botoka go na le go lwela maemo ga mo Isidingo.

“Leina la mo ke Mosetsana. O lebega o tlhaloganya thuto eno ya Shakespeare.”

“Leina la mo ke Baleka. Ee, e a kgatlhisa.”

“Ruri? Gongwe re ka e ithuta rotlhe ka gonne, tota, ga ke e tlhaloganye gotlhelele.”

“Sho, ke tla go thusa.”

Ra dumalana go kopana morago ga sekolo. Go ne go na le ditafole ka kwantle ga sekolo kwa morago go bapa le mabala a bolotlowa. Ke ne ka fitlha koo pele mme ka leba setlhopha sa bolotlowa se ikatisa. Mmoloki o ne a tshameka bolotlowa. Ke ne ke ipotsa gore setlhopha sa gagwe se ne se dira jang. Ga a ise a bue sepe ka gone fa re buisana mo Facebook bosigo. Ke ne ka ikgakolola gore ke tshwanetse go mmotsa bosigo joo.

“Halo Baleka!”

Fa ke leba kwa godimo ka bona Mosetsana. O ne a na le mosimane mongwe, mosimane wa Joburg tota. O ne a gata borokgwe jwa gagwe ka dinao fa a tsamaya. O ne a na le tattoo mo letlhakoreng la lebogo la gagwe mme o ne a simolola go loga di-dreadlock. Kwa Sekolong se Segolo sa Nokeng, re ne re sa letlelelwe go godisa meriri ya rona kgotsa go e loga. Go ne go se na se o ka se buang ka gone. Mo sekolong seno bana ba sekolo ba dira ditaele tsa mefuta yotlhe.

“Halo Basetsana”

“Yo ke lekau la me Oteng. Oteng yo ke Baleka, o mosha fano, o tswa … ga ke ise ke go botse gore o tswa ko kae.”

“Ga ke akanye gore o ka itse lefelo la teng.” Mo nakong eno ke ne ke setse ke itse bana ba toropo jaanong. Ga ba itse sepe kwantle ga se se mo teng ga melelwane ya Joburg, mme ebile ga ba na nako ya go itse. Ke sone se ke tlhomamisang gore ga ke kitla ke nna le ditsala fano. Re farologane le bone gotlhelele.

“Nteka,” Mosetsana a rialo.

“Nokeng. E kwa Porofenseng ya kwa Bokone, tota ebile ke kwa magaeng.”

“Ao wa itse!” Mosetsana a rialo, a ba a leba Oteng. “Ke tla go leletsa moragonyana. Mma re ithute.”

Go siame, ga go na bothata. Ke itumeletse go kopana le wena, Baleka.” Oteng a suna Mosetsana mo molomong a ba a tsamaya.

Mosetsana a ba a nna fa fatshe a ba a ntsha dibuka tsa gagwe. “O tshwanetse wa bo o tlhologeletse kwa gae. Joburg e tshwanetse e bo e go gakgamaditse tota.”

“Ee, go nnile makgwakgwa tota. Batho ba bantsi thata fano. Fa gongwe ke ikutlwa ekete ke tla tsenwa fa ke sa bone lefelo le le tala, go sa kgotlhagana …ebile go na le tidimalo.” Go ne go gakgamatsa gore ke bo ke bolelela Mosetsana se se mo pelong ya me jaana e le gone ke kopanang le ene, mme go ne go na le sengwe se ke se ratang ka ene. O ne a nkgakolola Mmoloki go se kae. E ne e le ngwanyana yo o ritibetseng, fela jaaka Mmoloki.

Mosetsana a nyenya a ntibile. “Ke akanya gore ke itse lefelo lengwe. Fa re se na go fetsa fa, ke ka ya go le go bontsha. Ga go kgakala.”

“O tla bo o berekile.”

Re tshwanetse go dira tiro ya rona ya Dikwalwa tsa Seesemane. Mosetsana o ne a bua boammaaruri, o ne a sa tlhaloganye Macbeth tota, mme ke akanya gore ke mo thusitse. Re ne ra fetsa re bo re paka dibuka tsa rona a ba a nyenya a ntibile.

“Go siame, jaanong mma ke go bontshe lefelo le ke buileng ka lone.”

Ka mo sala morago re tsamaya kafa morago ga sekolo. Go ne go na le matlo a le mmalwa mme ra tsamaya fa gare ga one. Re bo re bona thaba. Ra palama thaba eo mme ka kwa ntlheng e nngwe go ne go ntse jaaka ekete re ne re sa tlhola re le mo toropong gotlhelele. Ra se ka ra tlhola re utlwa dihutara le mmino le batho ba bua. Go ne go na le ditlharenyana le mafelo a a senang sepe a a nang le tlhaga e tala. Mme fa mafelong a a se nang sepe ke ne ke kgona go bona sebaka se segolo sa loapi lo lo boluo. Ke ne ke kgona go hema sentle.

“Ke a leboga, go gontle jang fa.”

“Ke ne ke akanya gore seno se ka go thusa,” Mosetsana a rialo. “Le nna ke rata lefelo leno. Mme le fa magodu a le gongwe le gongwe mo Joburg, ga a tle fano. Mapodise a nna a disitse lefelo leno. Go sireletsegile fano. Fa o batla kwa go se nang modumo teng, o tla bo o babalesegile go tla fano o le nosi.”

Re ne ra nna fa fatshe re didimetse fela. Ke ne ke kgona go utlwa dinonyane. Ga feta dipeba di le pedi di lelekisantse go dikologa setlhare. Mokgatitswane o o tlhogotala wa konya ka tlhogo o palame kala ya setlhare. E ne e se kwa gae, mme go ne go tshwana le gone fela thata. Go ne go le botoka ka gonne pelo ya me e ne e itumetse go sekae.

***

Re bolelele gore o akanyang: Baleka o dumela gore bana ba toropo le bana ba metse ya selegae ba farologane thata. A le we na o akanya jalo?