Folete ya mo Joburg e ne e le fa gare ga toropo, diboloko tse tharo fela go tswa kwa hoteleng e mme a neng a bereka kwa go yone. Folete ya rona e ne e le kwa matlhatlaganyaneng a bolesome. E ne e siame fela, nka rialo. E ne e na le maribela a mannye ka kwa morago fa motho a neng a ka nna teng a ba a leba toropo kwa tlase. Ke ne ke na le phaposiborobalo yaka mme mmé o ne a ntheketse fenitšhara e ntšhwa. bolao jo bo robalang batho ba le babedi khaboto ya ditowara e na le seipone se segolo. O ne a ba a nthekela setulo sa seka-kgetsana ya dinawa sa mmala wa taka, selo se ke neng ke sa bolo go se kopa. Mo godimo go ne go lebega jaaka ekete sengwe le sengwe se siame. Le fa go ntse jalo go ne go sa nna jalo.

Ke ne ka ikutlwa ekare ke wetswe ke maru. Ke ne ke lela mo ke neng ke kolobetsa mosamo wa me ka dikeledi bosigo, ke tlhologeletswe Mmoloki le Mighty. Ke ne ke tlhologeletswe ditlhare, bojang le noka. Ke ne ke ipotsa gore go ne go diragalang kwa gae. Ke ne ke ipotsa gore a mae a koko ya rona e ke e ratang thata a ne a setse a thubile. Ke ne ke ipotsa gore a Lady o ne a ntlhologeletswe le gore a o ne a eme fa kgorong a eletse ekete ke ka tla go mo tsaya gore re mo palame. Ke ne ke ipotsa gore Mmoloki o ne a dirang kwa sekolong.

Go ne go lebega go se na fa go senang matlo teng mo Joburg. Go ne go na le ditsela le ditselana, mme go ne go na le dikago mo sebakeng sengwe le sengwe. Go ne go na le ditlhare, mme di ne lebega di palelwa ke go hema, fela jaaka nna. Sengwe le sengwe se ne se kitlane ebile go ne go tletse batho gongwe le gongwe. Batho ba ne ba le gongwe le gongwe, ba tsositse modumo. Dikoloi di ne di sianela kwa le kwa, di hutaretse ruri. Go ne go tshamekiwa mmino go tswa mo matlhakoreng otlhe, mmino o mongwe o le kwa godimo mo eketeng o leka go gaisana le o mongwe. O ne o bona loapi fale le fale fela fa o ne o leba kwa godimo, dipopego tsa lone di dirwa ke dikago tse ditelele. Fa gongwe ke ne ke batla go siana ke siane mme ke sa gadime kwa morago go leba lefelo le le maswe leno.

Malatsi a le mararo fa re se na go goroga, mme a nkisa kwa sekolong sa me se sešwa. Se ne se le bokgakala jwa diboloko di supa fela, mo motho a neng a ka tsamaya ka dinao fela go ya teng. E ne e le kago e telele, ya ditena tse dikhibidu e e bidiwang St Anthony’s High School. Sekolo sa me sa pele se ne se na le baithuti ba le 300 fela, e le ba Mophato wa 8 go ya go materiki. Sekolo se sešwa seno se ne se na le baithuti ba le 2574 – 2575 ka nna. Ke ne ke le mongwe wa bana ba barutabana ba neng ba tshwanela go ba kgarametsa gore ba fetse silabase. Ke ne ke le mongwe wa boidiidi jo bogolo jwa bana ba ba modumo.

Mme bana bano ba ne ba farologane gotlhelele le ba kwa gae kwa Nokeng. Bangwe ba bone ba ne ba na le di-tattoo, ba bangwe ba ne ba iphuntse dinko kgotsa dintshi, kgotsa le eleng maleme a bone. Ba ne ba fetolana le barutabana mme barutabana ba ne ba nna jaaka ekare go siame fela. Ke ne ke sa tlhaloganye sepe mo lefelong leno le le tletseng batho. Ke ne ke tlhomamisa gore ke ne ke se na go kgona go ithuta sepe fano.

Tsatsi le letsatsi ka nako ya dijo tsa motshegare, ke ne ke reka dijo mo semausung ke bo ke leka go batla lefelo le ke ka nnang mo go lone ka kwantle. Go ne go na le bentšhe kafa tlase ga setlhare, gaufi le ka kwa morago ga sekolo, go bapa le lebala la kgwele ya dinao. Gantsi go ne go se na ope foo. Fa ke se na go ja ke ne ke kanama ka mokwatla mo bentšheng eno ke bo ke leba kwa loaping le le letobo ka diphatla tsa matlhare a matala. Ke dira jaaka ekete ke kwa gae. Ke ne ke leka go itlhomamisetsa gore Mighty o ne a robetse go bapa le bentšhe le gore ke ne ke tlile go emelela me re ne re tlile go tsamaya re boela kwa gae go gama dikgomo kgotsa go tsaya mae a dikoko kgotsa go feta ka ntlo ya ga Mmoloki le go bona se a neng a se dira. Mme tloloko e ne ya lela ke bo ke ema ke boela mo Joburg ka yone nako eo ke boela mo botshelong jwa me jo bo maswe.

* * * * *

Sengwe sa dilo tse di siameng e ne e le gore mmé o ne a nthekela khomphiutha le gore, lefa mmaagwe Mmoloki a ne a sa mo letlelela go laisolola Skype, re ne ra kgona go buisana ka Facebook. Le fa e ne e se se siameng thata, go ne go sa tshwane, ke ne ke lebelela seo letsatsi lotlhe.

Halo M, o kae koo?

Halo Baleka! Ke bone Mighty gompieno kwa lebentleleng la ga rraagomogolo. O lebega a tlwaela sentle, o dira jaaka ekete ke ga gagwe.

Jalo sekolo se ntse jang ko Toropong e Kgolo eo?

Dilo fela. Go ntse jang koo? A Mmé Modise o le bolaya ka go oketsa dithuto tsa dipalo?

O ka tlhoka.☹ Go lebega tantšhe ya materiki e tlile go nna kgwedi e e tlang. Ke e letetse tota.

Gongwe ke tshwanetse go e tlela?

A ga le na go nna le yone mo Joburg?

E tlile go nna teng, mme ga se sekolo sa me.

Ee, ke a go utlwa. Bona, Mme o a mpitsa, re tla bua ka moso, ga kere Baleka?

Ee go siame. Boroko!

Boroko!

Ka rapama mo bolaong jwa me, ke tenegile. Ka leka go ipotsa gore ke eng ke ne ke ikutlwa ke se monate jalo. A e ne e le gore go ne go lebega Mighty a siame fela kwantle ga me? Kgotsa a e ne e le gore Mmoloki o setse a ntsaya ke se karolo ya sekolo se segolo sa kwa Nokeng? O ne a dira jaaka ekete ke ne ke sa tseye sentle mo tlhogong go akanya ka ga go ya kwa tantsheng ya materiki koo. E le gore ke tshwanetse go ya tantsheng ya kwa kae? Ke ne ka akanya jalo ka bohutsana. Seno e ne e le – ke sone – sekolo sa me, eseng sekolo seno sa tlhakatlhakano e e modumo se ke se tsenang mo nakong eno. A Mmoloki o fetoga motho o sele jaanong? Kgotsa a ke tshwenyega thata go sa tlhokafale?

***

Re bolelele gore o akanyang: A Mmoloki o setse a lebala ka Baleka?