Go jang koo B?

Halo Mmoloki! O tlhotse jang koo?

Sentle. Ke ne ke bua le Rena le Thabo, ba re o siame koo. O tshwanetse go tla tantsheng ya materiki ya rona. A o tla tla?

Ke batla go tla, mma ke kope mme pele. Jaanong ke na le tsala kwano. O bidiwa Mosetsana. O mpontshitse paraka e e kafa morago ga sekolo e e nang le ditlhare tsa mmatota le tlhaga LOL!

Go a itumedisa. O setse o utlwala botoka. Ke ne ke go tshogetse gore a o tlile go kgona koo.

Le nna ke ne ke itshogetse. Ke santse ke eletsa ekete ke ka bo ke le koo.
Lady o ntse jang?

Ke tlhoke ke tsamaya ke mo palame gompieno. Buck o batlile a bolawa ke letshogo lefa go ntse jalo, ka gonne o ne a setse a le nosi.

HA! Nka dumela. Mma re kgaogane, ke tshwanetse go dira tiro ya sekolo ya mo gae. ☹

Le nna. Kea go rata!

Le nna kea go rata tsala!

Ka tima khomphiuta ke bo ke gakologelwa gape gore ke lebetse go mmotsa ka ga bolotloa. Re ne re latlhegelwa ke dilo di le dintsi ka matshelo a rona. Ke ne ke leka gore ke seka ka itshwenya thata ka gone. Re tla bonana mo nakong e khutshwane le go itumelelana re lebane.

Ke akantse ka tantshe ya materiki. Ke ne ke tlhomamisa gore fa ke kopa mmé o ne a tla dumela. Go ka nna monate go nna le ditsala tsa me tswa ko sekolong gape. Ke tshwanetse go gakologelwa go mo mmotsa ka yone kamoso.

* * * * *

“Ao Ngwanyana!” Ka retologa mme ka bona Mosetsana. A mpontsha tiro ya gagwe ya sekolo e e dirwang kwa gae ya Dikwalwa tsa Seesemane. O ne a tswere 100%. “Kea go leboga ka se waitse?”

“Go go na mathata.”

Ra tsamaela kwa kgorong ya sekolo. “Bangwe ba rona re ya kwa mmolong. A o batla go tla le rona?” Mosetsana a botsa jalo.

Ka akanya ka gone. Ke ne ke batla go tshwara mmé a ise a tsene mo shifiting e nngwe go bua le ene ka go ya kwa Nokeng go ya tantsheng ya materiki, legale ke tsaya gore seo se ka leta. “Sho, go siame.”

Re ne ra palama thekisi ya khombi e e yang kwa mmolong ka kwantle ga toropo. Mo teng ga mmolo, go ne go lebega ekete moithuti mongwe le mongwe wa mo Joburg o ne a le koo. Bana ba mefuta yotlhe ba ne ba le koo, ba apere diyunifomo, ba iketlile ba ja diaese kerime kgotsa baa nwa dinotsididi. Botlhe ba tšhekana. Mosetsana a bona ditsala tsa gagwe mme a ba tsholeletsa letsogo. “Ke bale! A re tsamaye.”

Go ne go na le basetsana ba le babedi kwa lebentleleng la aesekerime, baa ja aesekerime ya sundae mmogo. Mongwe wa bone e ne e le mosetsana yo mokhutshwane wa motho-montsho wa dintshi tse di telele. Yo mongwe e ne e le mosetsana yo mosweu wa moriri o mosetlha yo o neng a tshasitse dinala tsa gagwe pente e pinki. “Baleka yo ke Basha yo ene ke Kayla – ke ditsala tsa me,” Mosetsana a rialo. “Yo ke Baleka, matwetwe fa go buiwa ka dibuka tsa Shakespeare.”

Re ne ra nna le bone mo tafoleng. “A o rata St Anthony’s?” Kayla a botsa.

“Se siame fela. Se segolo thata, ga se tshwane gotlhele le sekolo sa me sa pele,” ka rialo.

“O tswa kgakala kwa bokone kwa sekgweng kwa go nang le ditau le dinoga teng,” Mosetsana a rialo.

“Eish! Nna nka se nne mo go nang le dinoga teng, lefa e le ka motlha ope. Ga ke di rate gotlhelele!” Basha a rialo.

“Gantsi di tsamaela kgakala le batho. Ga go maswe go le kalo,” ka rialo.

“Ee, mo go wena. Ke bona gore wena o pelokgale. Eseng nna. Nka swa!” Kwantle ga pelaelo Basha o ne a le mabolelo-a-thata. Mongwe le mongwe o ne a tshega go feteletsa dilo ga gagwe.

“OK, jalo dithulaganyo tsa tantshe ya materiki ke dife? Ke santse ke tshwanetse go ipatlela molekane wa me mo letsatsing leo,” Kayla a rialo.

“Ke tlhomamisa gore seo ga e na go nna bothata,” Basha a rialo. “Fa o se na ope, o ka tsamaya le Tom. Ke motho yo o kgonang go thusa ka metlha fa go se na ope yo o mo dirisang.”

“Tom? O a tshameka, ga ke re?” Kayla a rialo.

“Ke rata Tom,” Mosetsana a rialo. A ba a lemoga gore ba ne ba nkgaphela kwa thoko. “Tshwarelo Baleka. Tom ke lekau la ga Kayla la bogologolo yo o santseng a mo setse morago jaaka ntšanyana jaaka ekete ga ba ise ba kgaogane.”

“Mme ba kgaogane dikgwedi tse pedi tse di fetileng,” Kayla a rialo.

Ka yone nako eo Oteng a tla fa tafoleng ya rona. “Hei kgarebe ya me!” A inama a ba a suna Mosetsana mo letlhaeng. “Go diragalang Banyana?”

O ne a na le mongwe, mosimane yo mo telele, yo montle a eme kafa morago ga gagwe. O ne a ya kwa pele le kwa morago a eme ka dinao mme a sa itse gore a direng ka diatla tsa gagwe.

“Oh tshwarelo. Fani, yo ke tsala e ntšha ya ga Mosetsana, o bidiwa Baleka. Baleka, yo ke Fani, tsala ya me.”

“Halo Baleka,” Fani a rialo. “O ka re ke a go itse. A ga o mo tlelaseng ya ga Phiri ya dipalo tsa go tlhakanya?”

“Ee, ke mo go yone.” Ke ne ke gakgamala ka gore ke ne ke ise ke ko ke mmone mo tlelaseng eo. O ne a le montle. Ka tlwaelo nkabo ke mmone, mme fa e sale ke goroga gantsi ke tsamaya ke tsentse tlhogo le go leka go nyelela. “Jalo o bona e ntse jang?”

“Go thata tota,” a rialo.

“Ja. Ke sego ka gonne morutabana wa me wa kwa sekolong sa pele o ne a gagamaditse ka dithuto tsa gagwe. O ne a re kgobelela tiro tota. Bontsi jwa dithuto tse re di dirang jaanong nna ke setse ke di feditse.”

“O sego tlhe.” Fani a bo a nyenya mme ka lemoga gore o na le dipobe tse dintle tota.

“Bona Moratiwa, re tshwanetse go tsamaya. Fani o tshwanetse go rekela ditlhatshwana tsa gagwe dijo tsa ditlhapi.” A leba Fani go bona gore o tsaya jang go tshameka ka ene ga gagwe. “Le nna ke batla go ya gae. Ntate o batla gore ke mo thuse mo shopong. Ke tla le bona ka moso.”

Ra ba leba ba tsamaya mme ya re ba le kgakajana mo ba neng ba ka seka ba re utlwa, Basha a re, “Oo … a o bone Fani? O ne a jewa ke eng?”

“Fa e le gore ga o a lemoga gore e ne e le leano fale, o a tsenwa,” Mosetsana a rialo.

“Leano la ga mang?” Kayla a botsa.

“La gagwe.” Ba nteba.

“Nna?”

“Ee wena, ngwanyana. O tla bo o le sefofu fa o sa bone gore Fani o na le leitlho mo go wena,” Mosetsaana a rialo.

***

Re bolelele gore o akanyang: A ke mogopolo o montle gore Baleka a ye tantsheng ya materiki kwa sekolong sa gagwe sa pele? Goreng a tshwanetse kgotsa a sa tshwanela go dira jalo?