Mama, Bella le Noodle ba ne ba itlhaganela mo tseleng le mo sekhutlong go ya kwa ntlong ya ga Nkoko. Ba ne ba fitlhela Nkoko mo khitšheneng ya gagwe a butswela seatla sa gagwe.

best-sound-illo6-col-flat-lores

“Eish! Ke iphisitse seatla mo pitseng e e bolelo ele ya seeleele!” ga ngongorega Nkoko.

“Se bee fa tlase ga metsi a a tsididi fa ke sa ntse ke ya go tsaya khiti ya me ya thusopotlako,” ga rialo Mama, mme o ne a boela kwa ga gagwe a taboga – phataphata, phataphata, phataphata.

Mme o ne a boa ka bonako, a tshwere lebokoso le le nnye la mmala o mosweu le le nang le sefapaano se se hibidu mo sekhurumelong sa lone. O ne a tshasa salofo mo seatleng sa ga Nkoko le go se bofa ka bandeitšhe.

“Nkoko, o ka se kgone go apaya ka seatla se se botlhoko,” Mama o ne a rialo. “Wena le balelapa la gago le tshwanetse go tla go ja le rona dijo tsa maitseboa.”

“Ke a leboga,” ga rialo Nkoko. “Tsweetswee tsaya pitsa eo e e bolelo ya seeleele ya dinawa go oketsa dijo tsa rona.”

Ka nako ya dijo tsa maitseboa, Nkoko o ne a goroga a na le balelapa la gagwe.

Mmmm, Mmmmm! – e ne e le modumo o ba neng ba o dira fa ba dupelela dijo tse di monate tse di apeilweng ke mmagwe Bella ka pitsa ya ga Nkoko ya dinawa. Noodle le ene o ne a fiwa go le gonnye mo sejaneng sa gagwe. Tjomp, Tjomp! O ne a di ja tsotlhe. Morago llap, llap. O ne a nwa sejana se se tletseng sa metsi!

“Ke itumeletse gore o nkutlwile fa ke ne ke goeletsa,” Nkoko o ne a raya Bella.