Mo segotlong pharakano e ne e utlwala e le kgakala, kgakalakala. Ba ne ba kgona go utlwa le pinanyana ya molotsana o o monate wa nonyane e nnye. Bella o ne a tswala matlho a gagwe mme a solasola Noodle. Mme morago ba ne ba tlola ka bobedi!

best-sound-illo4-col-lores

“Ijoooo! Mma weee! Ijoooo!” Go ne go tswa modumo o o boitshegang go tswa mo ntlong ya ga Nkoko mo letlhakoreng le le ka fale la lebota le le kwa morago. Ka bonako, Bella o ne a siana go ya go bolelela mmagwe ka se a se utlwileng.

“Go na le medumo e e boitshegang e e tswang kwa ntlong ya ga Nkoko!” Bella o ne a goeletsa kwa godimo go feta furrrrr, furrrrr! wa motšhini o o phepafatsang mmata. Mama o ne a o tima.

best-sound-illo5-col-flat2-lores

“Ga ke a utlwa sepe,” Mama a rialo.

“Reetsa!” ga rialo Bella. Mme Mama o ne a o utlwa!

“Ijoooo! Mma weee! Ijoooo!”

“Ke Nkoko,” ga rialo mama. “Ka bonako! Re tshwanetse go ya go bona gore go diragala eng.”