“Ke ne ke tshwaragane le go bala medumo e e mo tikologong ya me,” Bella a rialo.

“Ke a bona, mme ke go fa yo mongwe,” ga rialo Nkoko a inamela mo go Bella. Mcwaa! go ne ga utlwala moatlo o mogolo mo lerameng la ga Bella. Bella o ne a lebetse gore o ne a badile medumo e le kae, mme fela oo one o ne o tshwanela go nna o o gaisang!

best-sound-illo8-col-flat3-lores

“Ke modumo o ke o ratang!” o ne a rialo a nyenya.

Ka nako ya go robala, Mama o ne a botsa Bella, “A o a itse gore modumo wa me o ke o ratang ke ofe?”

“Ke ofe?” go ne ga botsa Bella.

“Ke o!” ga rialo Mama, a tsitsitlha Bella mo mpeng.

Ha, ha, hee, hee, ha, ha, hee, hee! Bella o ne a tshega.

best-sound-illo9-col-flat-lores

Ee! Setshego se tota e le modumo o o gaisang mo lefatsheng lotlhe. O nagana jang?