Kgaolo 1: Pula

Fa ditiro di simolola go diragala batho nne ba nagana gore ke metlholonyana ya nakwana fela, jaaka batle ba bue fa ba bona pula ya matlakadibe e be ba re ke noga ya metsi e tenegile tota. Fa nne ba fositse lefatshe ka peke nne gwaa na pula ya medupi kgwedi yotlhe e sa emise. Batho nne ba sa tlhole ba ya kwa ditirong le bana ba sa ye kwa dikolong. Nne o ka se bone le motho a le nosi a sasanka ko ntle ka gore pula ena. Tota nne e setse e tsena le mo dintlong tsa batho, bangwe nne ba butse matlo a bone diphatlha gore metse fa a tsena ka fa, a ba feta ka fa.

Morago ga kgwedi fa pula e fetsa go ema batho ba baakanya tsotlhe tse di sentsweng ke pulanyana eo. Wai! Kae? Pula eo e sele letsatsi le le nosi fela, letsatsi le le latelang ke fa maru otlhe a nna mantsho lefatshe ka bophara go gadima. Khutlong tse nne tsa lefatshe nne gwaa na pula e kotsi thata, metsi a tlala ka dintlong tsa batho. E be ba feleletsa ba robala kwa godimo ga matlo fa bangwe ba tshabetse kwa dithabeng nako e sa ntse e ba letla. Pula nne ya na jalo batho ba kgamiwa ke metsi fa ba bangwe ba betswa ke magadima. Pula nne ya na jalo, batho ba kgamiwa ke metsi fa ba bangwe ba betswa ke magadima.

E nele matsatsi a le 38. Erile e emisa batho ba ba lesego ba  ba sa bolawang ke pula e, ba tabogela kwa dithabeng nako sa ntse e le teng; nne go taboga ditopo tsa batho fa godimo ga metsi di tsamaya le one.

Kgaolo 2: Letsatsi, ngwedi, dinaledi le dipolanete tse dingwe

Batho botlhe ba ba kgonneng go falola mo puleng nne ba agile mo dithabeng ka ditlhare. Itse gore ka nako eo nne go sena gore ona le ene, o poresidente wa naga o na le madi a mantsi kgotsa o seopedi sa maemo a kwa godimo. Ka nako eo botlhe nne ba robala mo dithabeng, ba ja diphologolo tse di bolailweng ke pula mme ba na le tsholofelo ya gore gotla siama.

Letsatsi nne la tlhaba sentle phakela batho ba tsoga ba itumelela seo. E be la wela gwaa nna lefifi ngwedi le dinaledi le tsone tsa iponatsa mme se se neng se makatsa ka bosigo boo ke gore bo nnile botelele thata. Fa batho ba leba ditshupanako tsa bone di tlhalosa fa go le motshegare mme ka nako eo nne sa ntse go le lefifi. Fa ditshupanako tsa bone di tlhalosa gore go bosigo letsatsi la tlhaba mme ga le tlhabe le le nosi nne gwaa tlhaga dingwedi tse 7 tse di sa tshwaneng ka popego. Dipolanete tsotlhe nne tsa tlhaga. O ne o ka kgona go di bona jaaka o bona ngwedi, Batho mo lefatsheng lotlhe nne ba tlhomile matlho a bone kwa lewaping ba makaletse metlholo e diregang.

Kgaolo 3: Letsatsi le pula

Dingwedi tse 7, dinaledi le dipolanete nne sa ntse o ka di bona kwa lewaping di eme lefelo le le nosi. Letsatsi ke lona fela nne le tsamaya Nne la wela  go  raya gore go nna bosigo. Batho ba tshoga thata ba nagana gore ba ka se tlhole ba bone letsatsi gape. Bosigo boo pula ya na gape mme nne e le e siameng fela e sa ne thata gape e sa ne bikinyana. Se se makatsang ka pula e ke gore ena fela go sena maru a thibane. Nne gwaa nna phakela letsatsi la tlhaba pula ntse e tsorotla. Fa letsatsi le tsamaya mogare ga mpa ya lewapi la fisa go fetisa selekano, metsi a pula nne atswa mosi ga mmogo le metsi a nneng a tletse mo lefatsheng. Ditlhare le tsona  tsa tuka ga mmogo le batho , bangwe nne ba itatlhela mo metsing le fa ba sa itse go thuma mme letsatsi la gotela thata metsi a otlhe a mo lefatsheng le a lewatle a bela, tsotlhe tse nneng di phela mo metsing di sule le tsotlhe tse nneng di phela mo lefatsheng di sule.

Metsi a bedile gore a kgale, botala botlhe ba lefatshe bo tukile go setse mabu fela.

Bokhutlo….