Tsoga o robaletseng?
O robaletseng , ke eng se o sa re se botseng?
Tsoga! o ye go ngapa-ngapa gauta kwa motseng ;
Fa o batla botshelo jo bo tokafetseng.
Tiisa o iphataphatele , oikakatlele!
Malatsi a gompieno mogatla o fetogile tlhogo.
Tlhogo e fetogile mogatla!
Ba pele ke ba morago; tsamaya ka boiketlo.
Oka goroga Le wena wa bona katlego.
E se re gongwe wa se falole wa bona tenego!
O robaletseng osa tsoge , khumo gae tswe gaufi!
Ya latelwa ; ya rapelelwa , e tseelwa matsapa.
Gore o bone “Papa” … Motho montsho tsoga maroko , o dirise boboko.
Covid-19 Ke leroborobo, re tla bona motsing wa thobo.
Mongwe le mongwe oka ja mofufutso wa phatlha ya gagwe.
Mongwe le mongwe oka ipatlela kgwatlha ka maatla a gagwe
Tsoga O robaletseng?