Mosadi

Heelang nkameng ditsebe ke le tseleng
Kgankhutswe
Kana ke ke bua ka mosadi
Mosadi se belega bana
Mosadi se belega ditshaba

Ke motho yo matlhoko le mathata otlhe a mo aparelang
Seganka
O lesole la lelapa la gago
O koko ya go sirela ditsuana go se tsuatsue
O tau ya go tlamela tawana tsa yone ruri ruri o mmangwana motshwara thipa bogaleng

Go lo fa gake bue ka nnenekwane ya go faga pitsa e sa bela
Kgotsa nnenekwane ya go tlhotsa serua ka ntlo ke bua ka mosadi tshwene o jewa mabogo

Bontle jwa gago ke jwa kwa ntle le jwa kwa teng
Pelo ya gago e bonolo
Pelo ya gago e borethe o kare thella bodiba a thalla mamina

Lelapa ntle le mosadi le fetoga marope le matlotla
Banna le bana ba fetoge diganana
O e tshwara bogaleng yone ba e tshabang
Ke raya banna le dikgosi