Ntetleng tlheng kelo sebele.
 Adimang ditsebe tsa lona ke lo anegeleng.
 Batlang madulo ke lo tlotleleng Ka dikgang tsa botshelo jwame.
 Tlhoang tsebe go senene!
 Ga ese monono thleng, ke boitumelo!
Boitumelo jwa lerato nna ke lefilwe!
 Ke lefiwa ke yo kgethilweng ke pelo ya ka!
 Ka yone ke mokgethi, ke ya ikgethela !
 E yone ikgethela ka mabela le boikgogomoso!
 Ka lefureng yone e bone e segetswe ke mong wa yone !
 Ga ese bontle jwa tlhago, mme ke monate wa lerato.
 Tswina ya lona o e bona matlhong. 
 Gore Ijooh bathong, lerato Ka monate!
Ba ba sa goitseng ga ba itse sepe!
 Ba go itseng ba mabela!
Lerato ka monate!
 Lerato… Lerato!