Modimo wa boikanyo,

Re ikanya mo go wena,

O gogile boraetsho

Mo dinageng tsa lenyora

Mme re lopa ka tlhoafalo

Matshego a ba a bonyeng,

O nne Modimo wa rona,

Mothusi mo tshikatshikeng

Mo ditseleng tsa botshelo

Goga dikgato tsa rona,

Re tle re fitlhe kwa o teng

Legaeng je re le batlang

Re femele mo diphatseng,

Re se digelwe ke sepe,

Re nee se re se tlhokang,

Dijo le tse di aparwang.

Thuso e re a e lopa

Mo botlalong jwa gago Rra,

Mme re tla go itshenkela,

Re go direle ka metlha.

Amen!