Fa re bidiwa Jaana

Go senyegile kae?

Fa ke bona borre pelo ya me e dutla Madi

Tlase kwa maleng, ke a pipitlelwa

Ke tlhatsa matshila

Ke tlhatsa tlhekefetso

Ao! Rara re utlwe tlhe!

Dilelo tsa rona basadi le bana

Goreng e tshwanetse gonna rona,

Kwa meberekong le kwa dikolong re a betelwa.

Re re re leba kwa re utlwa ka letlalo, fa re leba kwa re utlwa ka petelelo

Re le basadi le bana re utlwile jaanong

Ua tlheng! Mathata ke eng?

Goreng le re keteka jaana?

Emisang! Re utlwile jaanong.

EMISANG!