Ke dingwaga tse tharo
ga kena sepe se ke se supang
Ke lela dikeledi dingwaga tsotlhe
Ke robala ka di keledi singwaga tsohle
E fela ga go sepe se se siamang
Ke phela bophelo ba ntwa
Ke tshwanela ke go lwa ntwa
Ke tshwanela ke go ithusa
Ke lapisitswe ke ntwa
Bophelo ke ntwa!
Ntwa yona e ntapisitse
Thapelo ke yona e tla thusang
Ramasedi utlwa dithapelo tsa me
Melomo e setlha e kete ga ke je
A na ke loiwe, moloi ke mang?
‘Tlhako tsa mese atlhame e kete molomo wa tlhapi
Mmele o lapile ka go nne a ke robale
Botlhoko bo mo pelong
Bophelo ke ntwa
Ntwa e eme fa pele ga me
A na ke na le manaba?
Manaba a me ke bo mang?
Tshwetso ke a e tsaya “ke fetola botshelo ba me”