Kwa motsaneng o o bidiwang Seabe kwa porofenseng ya Mpumalanga,go kile gabo go nale mosetsana mongwe a bidiwa Dimakatso.Dimakatso ene e le ngwana a le esi wa ga mme Gabaitsiwe le rre Pule Kwena.Batsadi ba gagwe ba ne ba le motlotlo ka ene ka fa ene e le ngwana yo o boifang Modimo ebile e le mmankge wa kwa sekolong se segolo se a neng a se tsena sa Thutong.Letsatsi la Sontaga le ne le sa tshwane le malatsi a mangwe ka ntlha ya gore ngwana wa ga mme Gabaitsiwe ebong Dimakatso,o ne a dira bonnete jwa gore o palama thabana e sale mo mesong go buisa thamakga ya bo Jeso a goa gore mongwe le mongwe wa mo motsaneng wa gaabo a fitlhele ke lentswe le le boitshepo.Malatsi mangwe o ne a tsaya tshetsana le tshimane ya motsana wa gaabo go palama thabana go ba ruta ka ga melao e e lesome.

Dimakatso gonne e ene e le mmankge wa kwa sekolong,bana ba mo motseng ba ne ba itsalanya le ene ntlha e le gore a kgone go ba tlhatlha moo ba sa tlhaloganyeng teng.Dimakatso o ne a se ganane le seo ba neng ba se lopa mo go ene,mme a tla ka leano la gore ba ipope ngatana e le nngwe gore ba kgone go ithuta mmogo go boloka nako.Mo gare ga baituti bao ba ne ba itsalantse le ene,Gosiame ene e le mongwe wa bone.Batsadi ba baithuti bao ba neng ba lopile thuso mo go Dimakatso,ba ne ba itumeletse seo ngwana wa ga mme Gabaitsiwe a neng a se dira mo go baneng ba bone gonne le kwa sekolong ba ne ba simolola go falola ka dinaletsana.Gosiame ene o ne a falola go gaisa botlhe ka ntlha ya gore e ne e le tsala ya mmankgonthe ya Dimakatso,ebile ka malatsi mangwe o ne a latsa tlhogo kwa gaabo tsala ya gagwe gore a kgone go mo tlhatlha sentle bosigo botlhe.

Ka ge ngwaga ele lekgonyana o robega,nako ya gore baithuti ba kotule seo ba neng ba se jala mo gare ga ngwaga ene ya fitlha.Batsadi ba ne ba gata ka bokete fa ba ne ba lebile kwa Thutong go ya go fitlhela dipholo tsa bofelo ba ngwaga gonne be ne ba bone seo Dimakatso a neng a se dira le bana ba bone mo gare ga ngwaga.Erile go bona gore bana ba bone ba falotse ka dinaledi,ba dira seo ba neng ba ipaakanyeditse sone kwa sephiring ebong moletlo wa dira ga di bonwe go leboga dipholo tsa bana ba bone,segolobogolo ba leboga mmankge Dimakatso.Batsadi ba ne ba naya Dimakatso dimpho ntlha ele go mo leboga le go mo rotlogetsa go re a se nyeme mooko ka tiro e ntle eo a e dirang mo go baneng ba bone.Go ne ga ketikiwa mme mongwe le mongwe o ne a itumetse.
Ngwaga o o latelang o ne wa fitlha mme erile fa go setse kgwedi le malatsi a se kae gore go ipaakanyetswe go ya sekolong,mmagwe Dimakatso a bobola mo go maswe.Matlho a gagwe a ne a gonyegile ekete a gontse ke surunya,maoto a gagwe a rurugile ebile a simolotse le go latlhegelwa ke tlhaloganyo.Rre Pule le Dimakatso ba ne ba tshwaragana jaaka monwana le lenala go oka mme Gabaitsiwe ka tshepo ya gore o tla siama,fela ka go tlhoka lesego o ne a raga kgamelo.Loso la ga mme Gabaitsiwe le ne la ba ama maikutlo mo go maswe.Rre Pule o ne a tshwaragana le ngwana wa gagwe go tloga letsatsi la ntlha leo mme Gabaitsiwe a tlhokafetseng ka lone go fitlha ka letsatsi la bofelo.
Beke tse pedi morago ga loso la ga mme Gabaitsiwe,rre Pule o ne a tshwara ke bolwetse ba pelo mme a tlhokafala le semetsing.Go tlhokafala ga batsadi ba Dimakatso mo kgweding e le nngwe go ne ga ama dithuto tsa gagwe gore a seke a itsi le “ditlhopha tsa maina”.Batho ba mo motsaneng wa gaabo ba ne ba sa tlhole ba bona Dimakatso gore ke eng,ba mo tlhapetse le matsogo ka sesepa sa mafura a kolobe.Go ya le ka tshwaro makgwakgwa ya batho ba motsana wa Seabe,Dimakatso o ne a latlhegelwa ke tshepo a se tlhole a na le matla a go palama thabana go buisa lentswe le le boitshepo ka fa a ne a nagana gore Rara o mo tlhanogetse ka go itlhophela batsadi ba gagwe.O ne a lela bosigo le motshegare ka ntlha ya tshwaro makgwakgwa ya batho ba motsana wa gaabo gonne ene e se seo a neng a se solofetse morago ga seo a neng a se direla bana ba bone.

Dimakatso leina la gagwe le ne la ya boreelong.O ne a tlogela go gakolosa batho ba motsana wa gaabo fa Sontaga e fitlha mme a simolola go nwa nnotagi tsatsi lengwe le lengwe.Mongwe le mongwe o ne a kgagamatsiwa ke go bona fa Dimakatso a ineetse mo basimaneng gonne o ne a itsege e le motho yo o sisimogang basimane,segolobogolo ba ba buang ka kgang tsa marato.Barutabana le bone ba ne ba simolola go bona gore go na le sengwe se se sa siamang ka ga Dimakatso ka ntlha ya gore o ne a sa tlhole a na le boitshepo,a tla sekolong ga bedi beke nngwe le nngwe.Morutabana wa mmamoratwa wa Dimakatso ebong Mme Boikanyo Phiri,o ne a ipeta pelo mme a ya go botsolosa Dimakatso dipotso ka ga ditiro tse di maswe tse a neng a di dira mme a gana go bua.Barutabana ba ne ba bona go le botoka fa ba ka bolelela mokgogo rre Goletilwe Letsatsi go ya go iteka matlhatsi kwa go mmankgeng wa sekolo sa bone,mme le gone ga se nne le nko e e tswang lemina.

Erile fa Mopitlwe a roga,Dimakatso o ne a tlogela sekolo ka ntlha ya gore o ne a bona a sa tlhole a tlhaloganya sepe.O ne a sa bone ka lengwe la malatsi a ka ya go tsweletsa dithuto tsa gagwe gonne o ne a simolotse go dirisa diritibatsi go okobatsa maikutlo.Ka ge tsala ya nnete re e bona ka ditiro,Gosiame o ne a se tlhapele tsala ya gagwe diatla jaaka batho bao Dimakatso a neng a ba direla molemo ba mo tlhapetse.O ne a tlhatlha dimakatso ka dirutwa tsa gagwe a bo a ya go mo lopela thuso kwa modirelaloago o o neng a sa nne kgakala le motsana wa bone.Tseo Gosiame a neng a di dira mo go tsaleng ya gagwe,o ne a di dira ka matsetseleko ntlha ele go lemosa batho ba motsana wa Seabe gore mabogo dinku a thebana.Gosiame o ne a nna pelotelele mo go tsaleng ya gagwe.O ne a kgoreletsa Dimakatso go ya go bona modirelaloago go mo thusa ka seemo seo a neng a leng mo go sone.
Morago ga dibeke tse mmalwa,Gosiame o ne a itumelela go bona diphetogo mo go tsaleng ya gagwe.Dimakatso o ne a sa tlhole a dirisa diritibatsi,le go nwa nnotagi.Gosiame o ne a tlhatlha tsala ya gagwe ka dirutwa tsa bone go fitlha bubi bo bo neng bo mo aparetse mo matlhong bo tloga.Bobedi bo,bo ne bo itsi gore bo tshwanetse go kodumela gonne ga go lehumo le le tswang gaufi.Ba ne ba gata bonya,ba gata gangwe ka letsatsi ekete ngwana a iteka go tsamaya go fitlha Dimakatso a bo a boela sekolong.Barutabana ba Thutong ba ne ba itumeletse go bona mmankge wa sekolo sa bone.

Ka kgwedi ya Ngwanatsele,mokgogo wa sekolo se se golo sa Thutong o ne a bolelela baithuti gore sekolo se tlile go dira moletlo wa go tlotlomatsa baithuti ba ba dirileng sentle mo gare ga ngwaga jaaka gale.Mantswe a mokgogo a ne a tsitsinya moithuti mogwe le mongwe wa Thutong segolo tota Gosiame gonne o ne a tshogetse tsala ya gagwe.Erile fa go setse kgwedi gore moletlo o fitlhe,Gosiame o ne a ntsha ka ga tshwene go tlhatlha tsala ya gagwe ebong Dimakatso.Go ne go sena phapang magareng ga bosigo le motshegare mo go bone gonne ba ne ba tlhola ba le mo dibukeng tsa bone.Fa ba ne ba tshwanetse go ja gone ga ke bue,ba ne ba ja motsotso o le mongwe fela ka fa ba ne ba bona ekete ba senya nako ya dibuka tsa bone.

Malatsi a ne a feta mme letsatsi le legolo le ne la fitlha.Baithuti bao ba neng ba tlhapetse Dimakatso matsogo ka nako tse thata ba ne ba ipopile ngatana e le nngwe ba bua gore mang o tlile go tswa mo maemong afe.Erile Dimakatso go ba utlwa, a felelwa ke tshepo ya gore o tlile go fitlhela sekgele jaaka tlwaelo.Tsala ya gagwe e ne ya mmolelela gore a se tshose ke seo baithuti ba neng ba se bua gonne o bone gore ba dirile ka natla go gaisa nako tsotlhe,a bo a ritela ka moribo wa gore”maru ga se pula mosi ke ona molelo”.Nako ya go tlotlomatsa baithuti e ne ya fitlha ka ponyo ya leitlho.Ka ge Modimo o sa je nkabo,Dimakatso le tsala ya gagwe ba ne ba fitlhela maemo a ntlha mo serutweng sengwe le sengwe mme ka bo madi mabe, bao ba neng ba ikgatholositse Dimakatso ga ba kake ba fitlhela le fa e le maemo a bofelo.Ba ne ba swaba nko go feta molomo mme ba bona ekete barutabana ba ba kgoreleditse go fitlhela maemo a bone ntlha ele gore mmankge wa bone wa tlwaelo Dimakatso a fitlhele maemo.Seo se tlhotseng dipuo le go gaisa ke gore baithuti ba ba fitlhetseng maemo ene e le bao ba sa ba solofela.Ba ne ba ipolela gore gongwe mokgogo o dirile phoso go gonge.Ba ne ba ema go fitlha modiro o fitlha kwa bokhutlhong ka tsholofelo ya gore gongwe ba ka ba kopa go namela serala mme ga se ke ga nna jalo.Mokgogo o ne a leboga tirisano mmogo ya batsadi le baithuti mmogo le barutabana ba Thutong mme ya nna magaeng magaeng.

Botsalano ba Gosiame le Dimakatso bo ne ba fetelela morago ga ditlotlomatso tsa kwa sekolong.Fa o ne o sa ba itsi,o ne o ka ithaya gore ke mawelana kana bana ba mpa.Gosiame o ne a kopa Dimakatso go phutha ditlamelwana tsa gagwe go tla go nna ga gaabo.Ba ne ba keteka malatsi a boikhutso mmogo,mme fa Ferikgonga e roga ba fitlhela dipholo tsa bone tsa Marematlou.Ba ne ba itumeletse go bona fa ba kile ba kgona go rema tlou morago ga dikgwetlo tseo ba di fitlhetseng mo gare ga ngwaga.Bobedi bo, bo ne ba tshela mmogo bo itumetse go fitlhelela.