Kgaolo ya Ntlha

(Morongwa o tsena ka lapa la ga Mmasetsile, fa a leba kwa letlhabaphefong o bone garetene e tswalega go supa fa gone gona le motho yo o mo okometseng mme fa a tsena mo kgorong a re wa kokota go notletswe go supa go sena batho mo lapeng)

Morongwa: (Ka go makala)

Ke bone motho a okometse ka letlhabaphefo mme golo fana go supa go sena batho.

(Fa a re o dikologa ntlo go tsena Mmasetsile le Ouma)

Mmasetsile: (Ka go tenega)

A ga o kgone go bona gore felo foo ga gona batho?

(Morongwa o didimala fela)

Ouma: (Ka go seba) Ke mang yanong oo Mmasetsile?

Mmasetsile: Ke mmaagwe Momo.

Morongwa: Ke maswabi go iponatsha motseng wa gago ka letlha le re sa dumelanang ka lone, ke fela ke tlhokile nako ya go bolelela gore ka letlha le nneng re buile ka lone retswa ka kereke.

(Mmasetsile o mo lebelela fela ka matlho a go tenega, a ba notlolola ntlo ya gagwe ga a fetsa otswa ka ditilo ba dula fatshe.)

(Ba didimala bikinyana pele ba bua)

Morongwa: (Ka go itshegisa) O kae ene Tshotlego?

Mmasetsile: Ko metseng ya batho jaaka metlha, akere o tshaba go romiwa, o stout, o tsaya dijo mo teng ga ntlo wa di rekisa.

Morongwa: (Ka go makala) Tshotlego o rekisa dijo? Legale goreng a ka dira seo?

Mmasetsile: Le nna santse ke batla go itsi?

Morongwa: A o setse o pakile dilo tsa gagwe?

Mmasetsile: Sengwe le sengwe mo lapeng laka se dula ntse se le ready.

(Kwa tseleng go feta Tshotlego le tsala ya gagwe, Morongwa wa mo goeletsa fa Tshotlego a gadima o mmitsa ka seatla)

Tshotlego: (Ka boitumelo) Dumela nkoko.

Morongwa: (Ka boitumelo) Dumela mosimane waka, a o ipaakantse nkoko o tlile go tsaya.

(Mmasetsile o lebile Tshotlego ka go tenega)

Mmasetsile: Go batla e bile ke lefe morwalo pele nako e le ema ka fa letlhakoreng.

Morongwa: O opile kgomo lonaka.

(Mmasetsile o tsena mo ntlong)

Ouma: O bone a sa go opisa tlhogo ka go robala le go tlhola kwa malapeng a batho.

(Fa Morongwa a re o fetola Ouma, Mmasetsile o tlhaga ka morwalo)

Mmasetsile: Ke tseo. (O bua a di baya fatshe)

Morongwa: (Ka go makala) Ao ka bonako jana, a nne o di beile ka fa kitchening?

Mmasetsile: Nnyaa akere ke batla gore ke sa le jela nako.

Morongwa: (O bua a emelela) Le tla sala sentle.

Mmasetsile: (Ka boitumelo) Boy tlo o sune nkoko.(Tshotlego o thikita tlhogo)

Ouma: Tsela tshweu. 

(Ba tswa)

Mmasetsile: (Ka go tenega, le go betolola melomo) Mosadi oo wa mmakatsa ga a batle go bona motho a phela a itumetse, ba bolaile ngwanake nou yana o tlile go tsaya setlogolo saka sa bofelo le sone o batla go se bolaya. Ouma: A re solofele gore o tla mo tlhokomela.

Mmasetsile: Ka eng ka gore Papiki ke ene nne a ba fepa dikolobe tse e be ba sala ba mo jesa phetlha ba dira gore a lebale legae baloi baa. Ba batla Tshotlego ka gore Serathane sele sa bone le Papiki ba tlhokafetse jaanong ba batla go ja madi a dikhutsana. Wena ga o bone?Ouma: Fa o re serathane o bua ka mang? Momo?

Mmasetsile: Akere Momo ke mama wa ga Tshotlego? Kante wa re ke bua ka mang wena?

(Ouma o didimala fela)

***

Kgaolo ya Bobedi

(Morongwa o lora a robetse le Mmasetsile mme mo torong eo Mmasetsile wa tsoga o leba kwa phaposing ya boapeelo. O tsaya kgetsi a ba tsenya dijo tsotlhe mo teng ga kgetsi, Morongwa a tsoga ka nnete fa a tsoga o itshidila letheka a ba leba kwa phaposing ya boapeelo)

Kenosi: (Ka go makala) Mama nare le rekisitse dijo?

Morongwa: (Ka go makala) Re rekisitse eng?

Kenosi: Dijo, ke gore ga gona sepe sepe.

(Morongwa o bula diraka tse di senang sepe)

Morongwa: (Ka setshego sa go makala) Iketle pele Tshotlego o kae?

(Tshotlego wa tsena)

Morongwa: Dijo di kae?

(Kenosi le Tshotlego ba makala)

Kenosi: Goreng o ka botsa ngwana poison eo? Wa itsi gore ona le mathata a tlhaloganyo akere, mama?

Morongwa: Mmasetsile a re Tshotlego o rekisa dijo gore goreng ga ke itsi.

Tshotlego: Ke dilo tsa ga nkoko di tshotseng dijo, nkoko o phela a roma papa le monnamogolo a maswe o mokhutswane gore ba tsene ko dintlong tsa batho.

(Morongwa le Kenosi ba maketse e bile ba tshogile.)

Morongwa: (Santse a tshogile) Papiki!!

Tshotlego: Eya …papa waka le selo se se maswe, selo sa teng nne se robala le nna ko ga nkoko, fa ke lela se dula kwa lefifing e be se tshega.

(Santse ba maketse)

Kenosi: Mama motho o ga a buile ka Thokolosi?

Morongwa: (Go supa fa ana le stress e bile a nagana ka dilo tsa kgale)

Kana Mmasetsile nne a rogaka Papiki a re o sale a dula le Momo ga a sa berekela gae.

[Morongwa o nagana tlhagiso ya ga Mmasetsile a roga Papiki]

Mmasetsile: (Ka go tenega) Sies wa lebala gore ke godisitse ka bokete, gompieno fa wa ntatlha.

(Mo tlhagisong e Momo, Morongwa, Papiki le Tshotlego nne ba didimetse fela ba lebile Mmasetsile jaaka a pokile)

Mmasetsile: Letsatsi lengwe ketla go sela o tlhokofetse fa thoko ga tsela, otla nkgopola.]]]]]

Kenosi: Mama o nagana eng?

Morongwa: Sepe, a re tlhape reye kerekeng.

***

Kgaolo ya Boraro

(Kwa lapeng la ga Morongwa go tsena Moruti Mompati a tshwere Beibele)

Moruti Mompati: (Ka boitumelo, le go leba Morongwa ka go mo sekaseka) Dumela mma, a o siame?

Morongwa: Ke tsogile sentle moruti a lona le siame?

Moruti Mompati: Ke tsogile ke tshwenyegile thata mama mme ga se fela gompieno go sebakanyana ke tsoga ke go bona mo ditorong tsaka jaanong e be kere gompieno ke go etele.

Morongwa: (Ka go makala) Bothata ke eng rra?

Moruti Mompati: Mpolelele fa, mosadi yo a tsotseng mokgwenyane wa gago ke mang?

Morongwa: Ke Mmasetsile, goreng moruti a botsa?

Moruti Mompati: (O bua a mo tshwara seatla a se baya mo godimo ga Bible go rapela) Nnyaa, se tshwenyege. A re rapele, ke kopa gore o rapele thapelo e ke e rapelang fa morago gaka.

(Botlhe ba tswala matlho)

Moruti Mompati: Ntate yo o kwa legodimong, ka selelo le kutlobotlhoko, ka matla a gago a go sa palelwe ke sepe, ke kopa gore baeti ba ba mo lapeng laka ba ke sa ba itseng e bile ke sa ba bone a ba boele kwa ba tswang teng Ka leina la gago Morena waka Amen.

Morongwa: (Ka go makala) Baeti?

Moruti Mompati: Thokolosi e go robalang bosigo le setlotlwane se se fetsang dijo tsa lapa la gago.

(Morongwa wa makala.)

Mompati: (O bua a smile) Fa ona le tshepo mo modimong dilo tse o ke bafiti ka tsela, Modimo wa gago o go bolokile mma. (O bua a monela Beibele). Beibele e go simolola gompieno ke lenyoloi la motse wa gago.

Morongwa: (Ka boitumelo) Ka leboga moruti.

Moruti Mompati: Modimo keo.

(Kwa lapeng la ga Mmasetsile, o lora a robetse le Morongwa mme mo torong e o fa a tsoga, Morongwa le ene wa tsoga o ema ka o leba kwa phaposing ya boapeelo. Mmasetsile o tsoga ka nnete mme fa a tsoga o bona diatla tse di ntsho tse di mabowa di batla go itshwarelela go pagama bolao; ga a bone tlhogo ke diatla fela, o tlelwa ke letshogo o okomela kwa tlase ga bolao gape o bona maoto a mantsho a mabowa)

Mmasetsile: (Ka letshogo) O batlang?

(Fa a leba kwa lebating o bona Papiki yo a mo fetotseng setlotlwane a bua mara puo e sa tswe go supa fa setlotlwane se omanya)

Mmasetsile: Le batlang Papiki?

Thokolosi: (Ka go leka go palama bolao le ka lentswe le le makatsang) Mmasetsile tsoga re robale.

(Mmasetsile o leba Camera ka letshogo a geletse le dikeledi)

Bokhutlo.