Molefe le Shoki ba godile mmogo, ba tsene le sekolo mmogo ebile nne e le ditsala tsa tlhogo ya kgomo gotswa kwa bonnyaneng go fitlha e be ba fetsa dithuto tsa marematlou. Batsadi ba bone nne setse ba buisane gore bobedi jo fa bo fetsa dithuto kwa unibesiting gape le ditlhaloganyo di tiile ba ka nyalana ba nne le lapa. Wai! Go tlhoka nko go dupa bobedi jo lerato la bone nne setsi le fisa shuu. Itsi gore nne setse ba dira ngwaga le kgwedi tse robedi ba le mo leratong.
Nne ba tlhaga mo malapeng a sa tshwaneng, batsadi ba ga Molefe nne ba dira mmogo kwa sekolong, rre e le mokgwetsi wa sejanaga se se tlisang merogo, fa mme ene e le seapei. Batsadi ba ga Shoki bone yo mongwe nne e le seopedi sa mmino wa Jazz, fa rre ene e le modiragatsi wa diterama mo thelebisheneng. Batho ba nne e le baagisane, ba kereka mmogo gape ba thusana ka sengwe le sengwe.
Shoki nne a na le tsala kwa unibesiti e tlhagang kwa nageng ya Nigeria e bong Angel Oyo, yo ba tlhakanetseng phaposi mmogo. Shoki nne a bua sengwe le sengwe le Angel ebile a setse a mo boleletse ka botshelo ba gagwe le Molefe gore ba simolotse go ratana jang ebile maano a bone fa ba fetsa ka dithuto a lebile kae.
Fa Tlhakole a tlhola matsatsi a le supa, Shoki nne a tshwara ngwaga di le 23, Molefe a tsena phakela mo phaposing ya mosetsana santse a robetse. O ne a tshwere mpho. Fa a tsena a e fitlha mo setlhakong sa ga Shoki mo tlase ga bolao. Erile fa Shoki a supuloga a bona lekau la teng. Seo sa tlisa boitumelo mo go ene. Molefe o ne a mo opelela pina, ga a fetsa a mo bolelela ka tsela e a moratang ka yone. Shoki le ene a itsisi Molefe gore ke mpho ya gagwe ye a e filweng ke Modimo. O ne a bua jalo a fologa bolao. Fa a re o rwala setlhako, a utlwa a kokonelwa. A rola setlhako se mo teng go tsentsweng palamonwana. O ne a e tsaya a botsa gore ke ya ga mang. Molefe a mo fetola ka gore ga a e rate?
“Ka e rata,” ga bua jalo Shoki, ga a fetsa a e leba gape.
Mosimane a kopa go e tshwara. Ga mosetsana a fetsa go monela yone a se senye nako a khubama ka lengwele fatshe, a kopa Shoki gore a monyale. Lekgarebe le lone nne le tsholola dikeledi tsa boitumelo a se nagane ga bedi. A dumela mme Molefe a mo tsenya palamonwana eo. Ga ba fetsa ba dula fa godimo ga bolao ba tlhomane matlho jaaka baratani ba bua ka tsa bokamoso jwa bone ga ba fetsa ka dithuto.
Morago ga kgwedi tse di rileng go setse kgwedi fela gore go kwadiwa ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga, Shoki le tsala ya gagwe Angel nne ba le kwa teropong. Angel nne a emetse mongwe wa lesika la gagwe. E rile ntse ba tsena kafa bantswa kafa, gwa ema sejanaga sa maemo a kwa godimo, selatlha se mo go sone e leng mosimane wa le Nigeria wa lesika la ga Angel. Mosimane a fologa a bua le Angel. Shoki ene ka nako eo nne a maketse thata.
Angel le mosimane ba mo atumela. Fa ba tsena mo go ene, Angel a bolelela Shoki leina la mosimane eo a bidiwang Sam Oyo. Ga fetsa a itatlhela mo selatlheng a ba tlogela ba le babedi. Morago ga metsotso, le bone ba itatlhela mo sejanageng ba wela wela.
Letsatsi le le latelang, Molefe a kopana le Shoki. O ne a mmotsa gore o letse a le kae. Mosetsana a fetoga semumu. E rile Angel a bona gore go nna thata, a ba tsena ganong a bolelela Molefe gore ke ene a dirileng gore Shoki a sa bonala, jaanong a ba itshwarele. Molefe le ene ka gore o bonolo a dumela a ba suna Shoki mo phatlheng. Ga a fetsa a ba tsamaya, mme Shoki a kgona go kometsa mathe a letshogo, a hemela kwa godimo. Bosigo ba letsatsi leo Shoki a botsa Angel ka Sam mme Angel a mmolelela gotlhe ka ga Sam. Ga a fetsa Angel a botsa Shoki gore a mme o rata Sam. Lekgarebe la itsisi Angel gore ga a bona Sam o tlelwa ke boitumelo. Angel a mo fetola ka gore jaanong ga a bona Molefe a wa itumela jaaka a bona Sam. E rile Shoki tshwanetse a arabe Angel gwa tsena Sam. Motho wa Modimo, fa nkebe o le teng koo, nne o bona fela gore bobedi bo go na le sengwe se se diregang magareng ga bone.
Sam a tsena ka go dumedisa ga a fetsa a tlhoma Shoki matlho. Lekgarebe la tshega e be le leba fatshe. Itsi gore Angel ne a le mo tseleng ya go tlhapa. O ne a tsamaya a ba tlogelela ba le babedi. Sam a lebelela Shoki. A mo sekaseka, a bona palamonwana. Ga a fetsa a botsa mosetsana gore a o nyetswe. Shoki pele a araba Sam a ntsha palamonwana eo. Shoki o raya Sam a re nnya, palamonwana e ke kgabisitse fela gore bashimanyana ba tsamaele kgakala le nna.
Sam a mo atumela a mmotsa gore jaanong gore o e ntsha palamonwana ya gago ka gore le nna ke mosimane jaaka basimane ba bangwe. Shoki a didimala a ba leba fatshe. Sam a mo tshwara seledu a mo lebisa ko go ene. A mmotsa gore a wa mo rata. Shoki a itsheka dikeledi. Sam a se senye nako a suna Shoki. Ga a fetsa a kopa mosetsana gore a nne lekgarebe la gagwe mme gwa nna fela jalo. Shoki a dumela go nna lekgarebe la ga Sam.
Shoki nne e le mosetsana o montle thata ka mmele o gogelang bashimame, letlalo le le borethe e be le nna tshweu, matlho a makima a a tletseng boroko, lentswe le le tlhapileng nne e re ga a fetsa go bua le wena e be o nagana go mo raya gore a bue gape. Molefe nne a boulela ka lebaka.
Matsatsi nne setse a tsamaile go setse beke gore go kwadiwe. Molefe nne a kokometse gape kwa phaposing ya ga Shoki, a tshwere palamonwana. Morago ga diura di le tlhano gwa tsena Angel atswa go ithuta. Fa a tsena Molefe a mmotsa gore Shoki o kae. Angel a mo araba ka gore le ene ga itsi sepe, o na le matsatsi a ntse a robala a le nosi. Mosimane a tenega le go feta. A tsaya mogala wa letheka a leletsa Shoki. Fa Shoki a araba Molefe a mmotsa a tenegile gore o kae. Shoki a mo raya a re o kopa a mo itshwarele ka go tsamaya a sa mo itsisi, jaaka ba bua jaana, o lebile batsadi ba gagwe mo matlhong. Ga Molefe a re wa bua mogala wa kgaoga.
Angel a botsa Molefe, “A o kgonne go mo tshwara?”
Molefe a mo araba ga a fetsa a tsaya palamonwana a tsamaya.
Beke yantlha, ya bobedi le ya boraro tsa feta fela Shoki ntse a sa bonale. A fetwa le ke ditlhatlhobo tse nne. Molefe jaaka lekau a tsaya tshoetso ya go leba kwa gae go botsa Shoki gore a o itlhobogile ka dithuto. Ga a tsena koo pele a leba ko ga bo Shoki, mogala wa lethaka wa lela. Nne e le Shoki a batla go mo itsisi gore ene le batsadi ba gagwe ba bone kotsi ya sejanaga ebile botlhe ba ko bookelong. Itsi gore nne a bua jaana a itsi gore Molefe ga a na nako ya go ya gae ebile ga a na le sebete sa gore a leletse batsadi ba gagwe mabapi le kgang e. Molefe a utlwa botlhoko thata. A mmotsa gore kwa bookelong ba go mogolola leng ka gore ditlhatlhobo kgale di simolotswe. Wai mogala wa kgaoga gape.
Letsatsi le le latelang fa Molefe a re o tsena mo tseleng go boela kwa unibesiting, a bona batsadi ba ga Shoki ba apere diaparo tsa go itshidila mmele, ba eme mo thoko ga tsela. A tabogela ko go bone a ba botsa ka kotsi ya sejanaga. Tota ba makala gore Molefe o bua ka eng ga ba fetsa ba leletsa Shoki. Ka go tlhoka lesego Sam a araba mogala wa mosetsana. Rre wa Shoki a botsa mosimane gore ke mang mme Sam a fetola ka gore, “ke nna lekau la ga Shoki. E le gore wena o mang?”
Rre wa ga Shoki a tenega, a raya mme wa teng a latele sejanaga ba tsamaye ba le bararo kwa unibesiting ba kgone go bona makirikiri a ga Shoki. Fa ba tsena koo ga ba nna le nako ya go kokota. Ba butse fela ka gore nne ba tenegile. Ba kopana le Shoki a dutsi Sam mo diropeng ba sunana. Mosimane a gana go bona dilo tse dintseng jalo. Molefe a goga Sam ka legetlha a mo keteka ka mabole. Shoki ene ka nako eo nne a eme fela a tshwana le motho a bona sepoko, a ithibile molomu ka matsogo. Sam erile a bona gore Molefe o batla go mmolaya ka diatla, a bona phatlha a tlhanola direthe a dutla madi mo dinkong, molomu le tsebe ya molema. Rre wa Shoki le ene nne a ipotsa gore ke goreng Molefe a ka tlhasela motho o mongwe ka tsela e. Morago ba tsaya dithoto tsa ga Shoki ba tsamaya le ene. Molefe nne ntse a dutsi teng foo a lela sa mma iyo.
***
Ngwaga ya fela Molefe a fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa gagwe a leba gae. fa a tsena ko gae a fetsa beke le matsatsi a sa bui le ope.
Laboraro phakela Shoki a etela Molefe. Gopola gore batsadi ba batho ba nne ba batla gore bobedi jo e nne baratani. Batsadi ba ga Molefe fa ba bona Shoki a tsena phakela a batla Molefe, ba tlwelwa ke boitumelo. Mosetsana a tsena ka phaposing ya ga Molefe, dikeledi di rotha jaaka metsi a pula. A khubama fatshe ka mangwele, a kopa maitshwarelo. Molefe a tlhomoga pelo go bona mosetsana a lela. O ne a ema ka dinao a mo atla. Ba lela mmogo moragonyana ba didimala.
Molefe a tsaya gape palamonwana a khubama ka lengwele fatshe. A kopa mosetsana gore a nne mosadi wa gagwe a le nosi. Shoki a se mo arabe. A dula fatshe a lela botlhoko. Fa Molefe a mmotsa gore ke eng, Shoki o mo fetola ka gore morago ga dilo tsotlhe tse di diragetseng nne a sa solofela gore Molefe a ka moitshwarela, mme fa go le jalo wa leboga. A ema ka dinao a neela mosimane monwana gape gore a tsenye palamonwan., Itsi gore ke nako ya gore ba simolole bophelo ba ditoro tsa bone.
Morago ga dikgwedi gwa diriwa moletlo kwa ga bo Molefe go ketikiwa gore mosimane o faloletse ka dinalaledi. Batho ba lesika le ditsala nne ba tsena ba tswa jaaka ditshotswan. Molefe ka nako eo nne a eme fa pele ga batsadi ba gagwe le ba ga Shoki, a ba tlhalosetsa gore kgato ya gagwe e latelang ke go batla tiro gore a kgone go nyala Shoki le go ipatlela lefelo la bone la tulo. Shoki ka nako eo nne a itirile letlhaodi la mmala a tlhomola pelo jaaka katse e netswe ke pula. Fa Molefe a mo tlhoma matlho a tlhomoga pelo. A mo atamela a mo kgotatsa ka mafoko. O ne a mo itsisi gore go retelelwa ga se bokhutlo ba lefatshe, ga a fetsa a mo atla.
Fa letsatsi le wela morago ga matsatsi a tlhano, moletlo wa keteko o fetsa go feta, Molefe nne a iketlile le Shoki ka fa tlase ga setlhare sa morula ba shebile phirumo ya letsatsi, ba tshwere dikgang tse di sa feleng tse di babisang tsebe, gape di tlisa boitumelo mo dipelong tsa bone. Molefe nne a bolelela Shoki gore ga akitla a tlhakanela dikobo le ene e se a nyala. O tshwanetse go bona tiro gore a kgobokanye madi a magadi. Shoki le ene a tshepisa gore ga go mosimane ope yo a ka utswang pelo ya gagwe ntleng le Molefe.
Nne setse go le sebaka mosimane a batlana le tiro. Fa a itlhobogileng teng mogala wa lethaka wa lela. Fa a o araba a utlwa dikgang tse di monate le tse di busula. Tse di monate ke gore o bone tiro, fa tse di busula e le gore o direla kgakala thata le legae. Molefe nne a bone tiro ya go dira difofane ka gore thuto ya gagwe nne e tsamaisana le go dira dilo tsone tse di dumang mme di tsamaya ka leokwane.
Ka lamatlhatso, mosimane a laela batsadi ba gagwe le ba ga Shoki. Fa Shoki ene a mo kuka maoto go leba kwa dipalangweng tsa botlhe, erile fa lekau le pagama lekgarebe la robega pelo la lela Molefe. Molefe le ene a tlhomoga pelo ga a bona lerato la pelo ya gagwe le phimola keledi ka engwe.
***
Morago ga ngwaga Molefe a le kwa tirong, nageng ya Jeremane, rre wa Shoki a mo romelela molaetsa mo mafaratlhatlheng. A mo itsisa gore mosetsana o bone tiro ya go godisa merogo kwa Gauteng. Seo sa kgakgamatsa Molefe gore o phela a bua le Shoki mme ga a ka a mo itsisi ka ga se. O ne a moma molomu a ipolelela gore nako ya gore a lebe gae e tla tla. A batlisisa ka lefelo le Shoki a dirang ko go lone go fitlha a le kereya. Nne le bidiwa Mbewu organic products. Fa e fitlha nako ya gore mosimane a lebe gae a tsaya dilo tsotlhe tsa gagwe le madi a nneng a bolokile a pagama sefofane sa wela wela. Erile a fitlha mo Aforika Borwa, a reka sejanaga sa selatlha a leba kwa Gauteng go batla Shoki.
Fa a tsena koo a mmonela kgakala. Mosetsana nne a goga mpa a le mo mmeleng ebile go supa fa a le gaufi le go tshola ngwana. Molefe a nagana gore wa lora. Fa a re wa atumela mosetsana a atamelwa ke lekau lengwe ebile le sidila mpa ya ga Shoki go supa fa e le lekau la teng Molefe o ne a fologa sejanaga a atamela ko go bone. Erile fa Shoki a kuka tlhogo a bona Molefe mme a idibala teng foo. Le lekau le nneng ana le lone la makala.
Mosetsana fa a bula matlho o thanya a le ko bookelong, makau ka bobedi ba na le ene ba kgakgautana ka mafoko. Shoki nne a ba kgalemela ga a fetsa a kopa go bua le Molefe mo sephiring mme gwa nna fela jalo. O ne a itsisi Molefe gore erile a fetsa go bona tiro a kopana le Glen jaanong fa go le jalo ene le lekau le ba mo maratong. Molefe o ne a fetoga semumu a tswa ka tse di tsididi a pagama sejanaga sa gagwe a wela wela.
Itsi gore ngwana yo sa leleng o swela tharing. Fa o kopana le dikgwetlo tsa go tshwana le tsa ga Molefe, tlogela santse nako e go letla.
Bokhutlo.