Jaaka e le setso, Andiswa, motshwari, a tswa mo mogwaafatsheng pele ga me. Monkgo wa nama o o neng o tswa kwa isong o ne wa nkhuparela jaaka lekhubu fa ke tswela kwa ntle ga mogwaafatshe, wa mpateletsa gore ke lebale ka mogote o o mo tlase ga maoto a me. Morafe o ne o tletse mo gare ga motse. Matlho a bone a bona a tsamaya le nna fa ke tsamaela kwa aletareng ya marapo. Sefatlhego sa me se siregile, mme magetla a me a bokete ke kobo e mme o neng a e apere ka letsatsi la gagwe la lenyalo. Tau o tlhophile meetlo ya morafe wa me; lemme la tlotla ga le tshwane le setlhe. Fela, ga nkitla ke itshwarela se a se dirileng. Mowa wa gagwe o leswefaditswe ke madi a gar re.

Sedupe as morafe wa rona, mmaagwe Andiswa, o eme mo pele ga aletare. Mo pele ga rona, Tau o eme mo thoko ga me. Letlalo la tau le a le apereng le tletse ka mesifa ya magetla a gagwe, o tshwere lerumo le thebe tsa setso mo letsogong la moja.O motelele le go feta lesole le le telele go gaisa mo motseng. A ntlhomile ka matlho a gagwe a masetlha. Matlho a mo mosong o o latelang a sekeng a bona tlhabo ya letsatsi. Sedupe a tsholetsa matsogo a gagwe mme batho ba didimala. Modumo wa meropa wa didimala fela ka bonako jaaka o simolotse.

Tidimalo. Motse otlhe o didimetse ntle fela le modumo wa ditlhare.

Molelo,” mmaagwe Andiswa a rialo, tlhogo ya gagwe e kgabisitswe ka dibaga tse di rokeletsweng ke basetsanyana ba mo motseng. Mokgabiso wa dibagao o o rokeletsweng mo diaparong tsa gagwe tse ditshweu tse di tshwanang le tsa morwadie. Menwana ya gagwe ga e rorome fa a tsholetsa legare le a le tshwereng ka bokgoni jwa mmetli, a sega mo gare ga seatla se sengwe sa gagwe. Madi a tshologa mme ka leka ka bojotlhe go se feroge dibete. Seatla sa gagwe se boitshega madi fa a se gatelele mo phatleng ya me. “Madi,” a rialo. E le gore madi le molelo di ogolang mo lenyalong? Ke a ipotsa.

“Tlisa seneelo,” a goa, letsogo la gagwe le le tsofetseng le supa kwa badiseng, masole a ga Tau. Ba tlisa kgomo, phologolo e e feletseng, e e tshelang, mo aletareng. Dithwe tsa me tsa mmele tsa mo gare tsa retologa fa ke akanya ka se se tlogang se direga, fela ka thatafatsa pelo. “Ke maikarabelo a rona,” sedupe a rialo, mohinyana wa thipa ya letlapa e le mo ga re ga menwana ya gagwe, “go tlhapisa mmu wa rona o o leswefaditsweng. Setlhabelo sa badimo ba rona. Setlhabelo sa kgosi ya rona e ntšhwa.” Kgokgotso ya phologolo ya segiwa mme madi a yone a tshologela mo maotong a rona. Botshelo jwa yone jwa tsamaela mo pele ga rona mme sedupe a bua ka diteme ka puo e ke sa e tlhaloganyeng.

Lentswe la gagwe le a taga, le opelela kwa tlase le go goa mme a ntshosa. Ka letshogo mme ke kgatlhwa ke kopelo ya gagwe, ke tshwara letsogo la ga Tau mme ka lebelela sefatlhego sa gagwe se se lolea. Tlhokomelo ya gagwe yotlhe e mo go sedupe.Seriti jaanong se eme mo morago g a gagwe, ka monyenyo. Matlho a sona a phatshima jaaka molelo le sefatlhego sa gagwe se le sesweu jaaka molora wa leiso. Ka lebelala ka letshogo, sefatlhego sa sona se tshwana fela le sa me. “Nako e fitlhile,” lentswe la sona le tshwana fela le la me. “Nako e fitlhile,” lentswe la utlwala.

Lentswe le e ka reng dinala kgatlhanong le matlapa a mannye, le goa nako le nako fa le ntsha lentswe. Mantswe a sona a tlalatlala le motse, e le se baagi ba mo ba se amogelang. Ditirigalo tse ga se tse di tshwanetseng lenyalo, di tshwanetse molete o ke iphitlhelang ke le mo go one. “Nako e fitlhile ya go bofa mewa e ka molelo le madi.. Go tloga jaanong go fitlha kwa bokhutlong jwa nako. Kopano fela e e ka kgaoganngwang ke koso.”

Mantswe a ntlhaba jaaka lebole mo mpeng. Tau o tlamparela diatla tsa me fa ke leka go itokolola. “Ga nkitla ke nna karolo ya se,” ka ngongorega. Ka lebelela difatlhego tsa morafe ke batla gore ba nkutlwele botlhoko fela ka bona fela difatlhego tse di sa utlwang botlhoko. Ke ka moo go ntseng ka teng go tloga kgale, go tloga ka nako eo badimo ba rona ba goroga mo lefatsheng, fela ke kgale ke le kgatlhanong le se. “Andiswa,” ka goa ka lentswe le le kwa godimo. Ka bona sefatlhego sa gagwe mo gare ga matshwititshwiti, fela ntebelela ka matlho a e keteng ga se a gagwe. Go ne go lebega e kete mongwe le mongwe o itotleletse mo mmeleng ya bone. Metlholo ya madi. O ba hutsitse ka madi a metlholo gore ba ikokobetse.

“Tau, se dire jalo tlhe,” lentswe la me le magwasipa ka ntlha ya go goa. A nna a didimetse a letlelela lentswe la me go ritibala. Mesifa ya gagwe ya lokologa mme seatla sa me sa tloga mo  go ene. Fela se ke se tlhokang. Ka itokolola mme ka latlhela seatla sa sedupe kwa fa ke mo kgoromeletsa kwa. Ka bonako ka dikologa mme ka leka go tlhaba Tau ka thipa mo sehubeng. A se tshikinyege fa ke mo atamela, a lebega a sa tshwenyege.

Fa ke leka go mo tlhaba mo sehubeng sa gagwe se se sa aparang, ka utlwa kgokgotso ya me e tshwarwa ke seatla se se maruru. Thipa ya somoga mo menwaneng ya me fa ke felelwa ke mowa, tlhogo ya me e a dikologa fa ke leka go hema. Ke leka go itokolola, fela fa seatla sa me se fitlhelela se se ntshwereng kgokgotso, ke utlwa fela molala wa me. “Vaa,” Tau a supa motho yo o nkgamang. Ka wela mo fatshe mme ka bona seriti sa motho mo morago ga me. Ka hema ka thata fa mowa o boela mo mafatlheng a me.

“Ke moetlo gore tiro e ya madi e dirwe,” a rialo, mme lwantlha ke mmona a le bonolo, fela ka se ineele mme ka boa gape ka mo tlhasela. Ka utlwa ke fapholwa ka seatla se se maatla mme ka wela mo fatshe. Ka rapalala mo fatshe ke mo lebeletse ka kgakgamalo.

“Mmofeng, mme re feleletseng moetlo,” a bolelela balebeledi ba gagwe, go sena kutlwelobotlhoko mo matlhong a gagwe jaanong.

Balebeledi ba babedi ba tsamaela kwa go nna mme ba phamola diatla tsa me le matsogo. Ka utlwa thapo e tia mo diatleng tsa me le maoto. Tlhogo ya me e ne e ntse e le mo fatshe, ke utlwa mmu o thutafatsa mmele wa me. Ka utlwa ke gomotsega. Ke latlhegetswe ke sengwe le sengwe. Rre, morafe wa me le tlotlo ya me jaaka kgosatsana ya morafe wa Ditshepe. Ka gongwe go tlholega ga se selo se se maswe fa go se sepe gape se o tshelelang. Ipusolosetso, ka akanya. Ke eng se se ka nnang botoka go na le go busolosetsa batho ba gago?

Gape, ka tlholwa ke nnete. Aene e e tukang malakabe ya bewa mo magetleng a me. Mogote wa teng wa tlabola mmele wa me. Ka kua ka lentswe le le kwa godimo, botlhoko jwa teng bo boitshega. Selo sa bofelo se ke se boneng ke sefatlhego sag a rre, jaanong gape … sepe.

***

Re bolelele: A o akanya gore go ipusolosetsa go na le mosola?