Bosigo joo ka lora toro ya bogologolo, ka ga bosigo bo rre a neng a goroga a tswa go tsoma le banna ba mo motseng, mebutla e meraro e akgega mo thoko ga gagwe. Mo torong, ga ke motelele e bile mme o ntse a tshela. Ke gopola monkgo wa mogwaafatshe, phutu. Mme o ne a rata go apaya phutu, bogobe jwa mašwi a a themileng. Monate wa teng o bina mo lolemeng lwa me.

Mo torong, mme le rre k emeriti fela ya nnete, fela sengwe le sengwe ka bone se lebega e le nnete. Mo torong, ke tsamaya mo lebaleng le rre, a tshwere seatla sa me. Motsamao o lebega o sa fele, mme morago ga sebakanyana, ke tsamaya ke le nosi mme ga ke tlhole ke utlwa bothito jwa seatla sa gagwe. Ke kopana le motse o mogolo go feta wa rona mme ke tsena mo go one. Kwa tshimologong mongwe le mongwe o molemo mo go nna, fela ka bonako difatlhego tsa lorato di fetoga go nna tsa letlhoo. Motse wa bona o a ša mme seatla sa me seatla sa me se tletse ka molelo. Ke leka go o tshabela, fela gongwe le gongwe kwa ke yang molelo o ntshetse morago.

Le fa ke itatlhela mo nokeng, e fotga mmala wa molelo. Bogosi jotlhe bo a tuka fa ke eme mo gare ga tse tsotlhe.

Ke bidiwa ke lentswe. Nkanyezi, Nkanyezi…

“Nkanyezi,” leina la me le a bidiwa gape, fa ke leka go bula matlho a me. Moriri wa me o kgomaretse mo tlhogong ya me, diaparo tsa me di kolobile mme magetla a me a botlhoko. “Ke kwa kae?” ka botsa.

“O mo mogwaafatsheng wa kgosi,” ga araba lentswe le ke le itseng. Andiswa.

Ke leka go fologa mo bolaong, fela maoto a me a a palelwa.

“Ka bonya, Nkanyezi. Ga o ise o nne le maatla,” a rialo, lentswe la gagwe le le bonolo.

Mogote le lesedi la letsatsi tsa tsena fa Andiswa a bula letlhabaphefo la mogwaafatshe. Ka tsholetsa diatla tsa me ka bonako go itshereletsa kgaatlhanong le lesedi.

“E setse e le mo mosong? Ka botsa, ke sa tlhaloganye gore ke kwa kae.

“O n le malatsi a mararo o tlhakatlhakane, nnyaa, ke phirimane.”

Ga ke dumele se.

“Malatsi a mararo? Go diragetseng?” Tlhaloganyo ya me e ile. Ke leka go akanya ka ditiragalo tsa malatsi a mararo a a fetileng, fela tlhaloganye ya me ga e fitlhe koo. Ke gopola ke utlwa meropa e lela.

“O wele kwa lenyalong,” a nnetefaletsa, a le mowa o montle, “o ne o ipolaisitse nnotagi.”

Ga ke dumele se, ka akanya. Ga ke gopole ke keteka lenyalo. Ga ke gopole dijo le batho ba duduetsa. Ke gopola seriti, go goa ga lentswe le madi.

“Ruri …” lentswe la me la ya tlase fa Tau a tsena mo mogwaafatsheng.

“Re tlogele,” a laela Andiswa ka lentswe la gagwe le le kwa godimo.

“Kgosi ya me,” Andiswa a koba tlhogo mme a tswa. Ka nna mo bolaong mme ka lebelela kgodumodumo e ya monna e e emeng mo mogwaafatsheng.

“O bonala o ikutlwa botoka,” a rialo, sefatlhego sa gagwe se na le monyenyo o mogolo. “Ke ne ke akanya gore ga o kitla o tlhapogelwa morago ga nnotagi e o noleng.”

“Ga ke seeeleele, Tau. E ka nna gore o dirile gore ba dumele maaka a gago, fela ke itse se se diragetseng. “O ntiteile o bo o mpaya letshwao.”

A tsamaela kwa letlhakoreng la faki mo sekhutlwaneng sa mogwaafatshe mme a itshelela khadi ka sego. A tsholetsa sego mme a leka go nnaya nno le nna. Ke tshikinya tlhogo ya me.

“Ee, ke go iteile ke bo ke go tshwaya,” a rialo fa a tsamaela kwa go nna mme a nna mo thoko ga me mo bolaong. Mesifa ya maoto a gagwe e lebega e godile go feta jaaka ke mmone la bofelo.

“Ke dirile se ka lebaka le le siameng. Re golagane jaanong. Re golagantswe ke metlholo ya molelo le madi. Le fa o ka leka eng, ga o kitla o bo o tsamaya. Le fa o ka kgona go tlosa letshwao, o tla dula ka gale ke le kgogedi mo go wena.” A retologa mme ka bona gore le e ne o na le letshwao mo legetleng la gagwe.

“Ke eng fa e le gore ke rona fela re le babedi re gopolang se se diragetseng kwa lenyalong?” ka botsa.

Monyenyo wa gagwe o batlile o fitlha kwa ditsebeng tsa gagwe. “Ke kopile sedupe gore a tshele lerole la kgakologelo mo difaking tsa bojalwa. O itse gore batho ba nwa jang fa ba fiwa bojalwa jo ba sa bo dueleleng. Mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go nwa fa a fitlha.” O lebega a farologane le monna o k emo itseng fa ke ne ke le monnye. “Go ne go se se nka se dirang, Nkanyezi. Ga nkake ka letlela gore batho bag ago ba tlhoe kgosi ya bona ka gonne o iteile mosadi w gagwe.”

Mosadi. Lefoko le la sala le ntse mo tlhaloganyong ya me. Ke mosadi wa gagwe jaanong. Mosadi wa ntšwa le legodu. Ga ke bue sepe ka gonne ke a itse gore ga a na pelo. Bogolo, ke a didimala mme ke a dumela le fa ke itse gore ga ke mmone ka sepe.

“A o itse gore goreng ke bolaile rraago?” Potso e e emisa meriri ya molala wa me. Ga go ka letsatsi le a kileng a bua ka Rre. Goreng jaanong? “Goreng?” ka botsa.

“Fa ke ne ke le mosimane rrago o ne a etela motse wa rona le morwarraagwe. Thaba ya morafe wa Ditshepe ba ne ba mmitsa jalo. E ne e le monna yo o bogale, ee, fela o ne a se botlhale,” a rialo, matlho a gagwe a phatsima.

“Rraago o ne a tlile go buisana ka dithulaganyo tsa lenyalo la morwarragwe, fela malomaago a akanya go itseela molao ka go tsena mo bothitong jwa bolao jwa ga mme. O fitlhetswe ke balebeledi mme malomaago a bolawa ka ditaelo tsa ga rraago.”

Ke ne ka utlwa serame se se tseneletseng mme ka gogela dikobo mo maotong. A emelela mme a tsamaya-tsamaya mo mogwaafatsheng. “Ke ne ke utlwile botlhoko thata gore mme a ka letlelela selo se se jaana, fela ke ne ke makaletse rraago. Ke monna wa mofuta mang yo o bolayang morwarraagwe?” a ntebelela a emetse karabo, fela ga a ka a tenwa ke tidimalo ya me.

“Monna wa tlotlego. Ke mofuta oo. Monna yo o tlotlang ka gotlhe melao ya batho ba gagwe. Banna ba mofuta oo ga ba tlhole ba le teng, ka bomadimabe. O ke neng ke mo tlotla wa bofelo o bolailwe ke nna ka gonne ke ne ke batla morwadie le masole a gagwe.”

Ke tlhakane tlhogo. Nka se leke go goa kgotsa go mo goelela.

“Bagaka ba hisetori e ne e se batho ba ba siameng, Nkanyezi. E ne e le babolai mme ba bus aka tšhaka. Ba ne ba senya ditšhaba le go di aga sešwa. Ba ne ba sa dire se ka lefela kgotsa megagaru kgotsa ba sa itumelela matshelo a rona. Ba ne ba dira tse go tokafatsa matshelo a batho ba bona.” A tsamaya ka go ikgantsha mme a tlosa sengwe mo seledung gagwe.

“Ke akanya gore ke monna yo o siameng, fela ga go phetogo ya nnete e e tlisiwang ka go dira kagiso. Phetogo e tlisiwa ke maikaelelo a a sa fetogeng le maatla le maikaelelo a go dira se se tshwanetseng go dirwa. Go bolaya yo o tshwanetseng go bolawa le go tshwara yo o tshwanetseng go tshwarwa.”

Mantswe a gagwe a tlhosetsa molelo mo go nna o maikutlo a me a sa kgoneng go o laola. Ditlhaloso tsa gagwe tsa go sireletsa ditiro tsa gagwe tsa dira gore ke nne le ditlhaloganyo tse di letobo. A tsamaela kwa dikereseng tse di mo phaposing mme a di tshuba fa lefifi la kwa ntle ga mogwaafatshe le bonala mo gare ga mogwaafatshe. Mogwaafatshe wa rona.

“Ke se re tshwanetseng go se dira. Re tlhapise mafatshe a rona sefifi sa magodu le ba ba se nang tlotla le botshepegi.” Lesedi la dikerese la dira moriti mo morago ga gagwe fa a tsamaya-tsamaya mo mogwaafatsheng, moriti o mogolo go feta monna.

“Ke tshaba gore tiro ya rona e tla fetola ditsela tsa batho ba rona. Re tlaa fisa metse lore-lore. Nna karolo ya me, Nkanyezi. Melelo ya rona e tlaa tuka ka phatsimo e kgolo e bile badimo ba rona ba tlaa akanya gore ke dinaledi,” a rialo a tsamaela kwa go nna, molomo wa gagwe o le gaufi le tsebe ya me.

“Dinaledi,” a buela kwa tlase. “Dinaledi …”

Dinaledi. Ke se rre a nteileng leina la me mo go sone. Nkanyezi, dinaledi..

Ke itse se se tshwanetseng se diragale go sireletsa batho ba me lkatlhanong le monna yo o tlhakaneng tlhogo o. Ke tshwanetse go dira gore a ntshepe gore ke kgone go thusa morafe wa me, Ditshepe. Ke ne ka gogela Tau mo go nna, ke lwa ntwa ya go batla go itse le tenego mo tlhogong ya me. Ka mo atla mo dipounameng mme a dira jalo le ene, mme lwa ntlha mo botshelong jwa dingwaga tsa me tse lesomerobonngwe, ka ikutlwa ke thunya. Tau ya rora fa maoto a me a bofegile mo lethekeng la gagwe.

***

Re bolelele: O ne o tla dirang fa o ne o le mo maemong a ga Nkanyezi?