Letsatsi leo la sekolo le ne la feta fela ka bonako e le dithuto tse di sa feleng le tlhaloganyo ya me e le kwa bukeng nngwe. Wuthering Heights e ka nne e le buka e e monate, fela ga ese buka e e reboletsweng go buisiwa kwa sekolong. E bile gape ga go na ‘tlhoseletso ya dibuka tsa kgale’ mo Instagram kgotsa mo TikTok tse ke neng ke sa itse ka ga tsona. Jaanong, go diragalang?
Fa ke ntse ke akanya ka yona, ke fa ke batlana le dikarabo.
Fa tshipi e lela kwa bokhutlong jwa letsatsi la sekolo, ka phamola dilo tsa me mme ka nna wa ntlha go tswa ka phaposiborutelo. Mo tseleng go ya laeborari, mogala wa me wa bontsha lebona la molaetsa o o tswang kwa go Nate.
O itlhaganeletseng?
A o na le mongwe yo o tswang le ene kgotsa?
Ke ne ka araba molaetsa wa gagwe, ke re ke tshwanetse go kopana le Cheryl. Ka lesego, go bonolo go bua maaka k aka molaetsa wa founo go na le fa o labile motho mo matlhong.
Laeborari ga e na batho, go sa tshwane le nako e e fetileng. Go na le fela barutwana ba le mmalwa fela ba dutse ba phatlhaletse, ditlhogo tsa bona di le fitlhilwe mo dibukeng tse dikima. Mme Mrs Felder ga go le motlhala wa ga Mrs Felder – mme fela ga ken a bothata le se.
Ka ntsha buka ya Wuthering Heights mo shelofong e e lerole. Ditsebe tsa yona tse di serolwana di na le monkgo wa go kaya gore key a kgale fa ke di phetlolola, ke batla sengwe … sengwe fela.
Mme fela go ne go se … sepe. Le fa e le pampiri e e tsenang mo gare ga buka e ke e boneng nako e e fetileng. Ga ke itse gore ke eng se ke neng ke emetse go se bona, fela go sa bone sepe go ne go utlwala jaaka phitlhelelo.
“Jazz!” Cheryl a rialo, a phamola seatla sa me fa ke kopana le e ne kwa ntle ga laeborari. “O dira eng fa?
“Maitshwarelo, Cherry! Ga ke a go bona mo laeborari. Ke ne ke akanya gore ke tlogetse pene ya me kwa laeboraring,” ka bua maaka, ke swabisitswe ke go lelekisa selo se ke sa se itseng se. “Mpho e ke e filweng ke Rre fa ke ne ke dira 16.”
“Ao. Ke tshepa gore o tlaa e bona.”
“Ke e bone,” ka rialo, ke leka go sa mo lebelele mo matlhong.
“Cheryl! Cheryl!” lentswe le le tenang la goa, mme ka utlwa ke imologile.
“Ke akanya gore ke mokgwa o o maswe go sa arabe melaetsa, bogolo jang morago ga puisano ya gar re Langley,” Naledi a rialo fa a fitlha fa go rona.
“A o ke o eme pele, Naledi!” Cheryl a bua ka tšhakgalo. “O rata go laola! Ke tshepa gore o setse o dirile tsotlhe ka bo wena. Ke eng se o se tlhokang mo go nna?”
Ka leba kwa le kwa, mme fela jaaka ke ne ke letile, matlho otlhe a ne a lebeletse se se neng se diragala magareng ga Naledi le Cheryl. Fa e le gore ba ne ba emetse ntwa, ga e kitla e direga. Ntwa ya ga Naledi ga e se ya matsogo. Ka gale ke ya mafoko.
“Seo ga se ntlha,” Naledi a rialo a dikolosa matlho a gagwe. “Ga go sepe se o se tlaleleditseng mo setshwantshong sa butu. Sepe fela.”
“E bile o ne o ka se foswe ke go bolelela Rre Langley ka ‘bobodu jwa me’!” Cheryl a tshega ka go kgokgontsha, mme ka utlwa boteng jwa me bo tia. Ke simolola go bona Cheryl ka tsela e. Lentswe la gagwe le ne le šakgetse, matlho a gagwe a phatsima e kete a re, ‘se nteke.’
“Go ne go se se nka se dirang, Cheryl,’ Naledi a rialo, a nyenyefaditse matlho. “Ga o arabe melaetsa. Mme ka dinako tse re kopanang ka tsona, o dula o le mo mogaleng.”
Mogala wa teng wa simolola go lela mo seatleng sag a Cheryl, mme wa mo tshosa. A o lebelela, maikutlo a gagwe a sa bontshe sepe.
Tswelela, Cheryl. O arabe. Se emise lekau la gago le lešwa le letile.”
Chery a lebelela Naledi pele ga a tswa ka mabetwaepelo go ya go araba mogala.
Fa ke mo lebelela a tsamaya, ke ne ke utlwile botlhoko. Lekau le lešwa? Cheryl ga ese a mpolelele sepe. Mme fela Naledi, mo bathong botlhe, o a itse?
“Cheryl o bonala le mongwe?”
“Ao, o ne a sa itse?” Naledi a rialo ka go dira e kete o a kgathala. “Go bonagala gore ga lo ditsala tsa nnete jaaka o ne o akanya.”
***
Re bolelele: A o akanya gore Naledi o bua nnete ka ga Cheryl le lekau la gagwe le lešwa?