Moletlomogolo o tsweletse. Divemphaya, dizombie, dipoko, Harley Quinns, le badiragatsi botlhe ba mefutafuta ba tletse mo lebaleng la metshameko, ba tsena ba tswa mo dibutung.

Mowa o tletse ka monkgo wa mmidi o o besitsweng, dikipikipi tsa botoro, le dimonamone. Mmogo le mmino, metshameko, le monate wa bongwana o o tlisiwang ke moletlomogolo, go a itumedisa. Ruri. Fela ga go tle gore ke o itumelele.

Go na le sengwe se se ntshwenyang mme ga ke itse gore ke eng.

“Go diragalang?” Nate a botsa.

“Ke akantse fela gore ‘moaparo’ wa gago ga o kgatlhise.” Mme go ne go sa nna jalo – o ne a ka tshwanelwa ke sengwe le sengwe. Le fa e le sekipa tota, “Tshegofatso e e fitlhilweng’, digalase tsa magapa a dikhudu, le jase e telele.

“O nkutlwisitse botlhoko, Jasmine,” Nate a rialo, a baya diatla tsa gagwe mo pelong ya gagwe. “Nka re moaparo wa gago ga o botlhale, fela …” A kgaotsa mme a tsamaisa matlho a gagwe godimo le tlase mo mmeleng wa me, a dira gore pelo ya me e betse ka bonako. “Ke a e rata.”

Ga e se gore ke ne ka iponela moaparo wa Kgosatsana Jasmin ka gonne Nate o rile ke batlile ke tshwana le ena. (Go siame, gongwe seo se ntlhotlheleditse go le gonnye.) Fela e ne e le seo kgotsa lesego, mme lesego lona le ne le sa kgatlhise.

“Ee. Bontle tota,” mmonedipele a rialo a ntse mo setulong se se lebaganeng le tente ya rona. “Fela tsala ya gago. Mosese wa gagwe o mokhutshwane thata.”

“Tsala e fe, Francesca?” ka botsa.

“Wa meriri e mesweu. Ka lentswe le le magwasaripa. Fela monna o le ga a siama.” A thwantsa loleme.

O tshwanetse a bo a bua ka Cheryl, o eleng gore ga ke ese ke monne e sa le moletlomogolo o simolotse nakonyana. Le gone o bua ka wa lnetswe le le magwasaripa lefe? Ka akanya gore ke monna yo o goletseng kwa godimo ka ditedu tse dintsi le matlho a mapududu a a sa tshwaneng, a sa lekwane ke yunifomo.

“Dumela Mme Ngema,” ka rialo, ke leka go dira e kete ga ke a makadiwa ke go bona Motlatsa Mogokgo wa rona a tsena, a apere sutu ya gagwe ya borokgwe jaaka gale. A re dumedisa le Nate mme a mo fa R50.

“Ke a leboga, Mme Ngema. Itumele!” Nate a tsenya madi ka kelotlhoko mo laeng ya rona ya madi ya polasetiki, mme ke fedisiwa pelo ke go leta gore ke kgone go botsa Francesca ka ga Cheryl le lekau la gago le le sa itsegeng.

Mme Ngema a nota ka tlhogo, dipounama tsa gagwe di sa kgone go swetsa gore a di batla go nyenya kgotsa nnyaa. A ntsha setulo a dula fa thoko ga Francesca.

“A o batla karata, letlhare la tee, kgotsa puiso ya diatla?” Francesca a botsa, a lebeletse Mme Ngema mo matlhong.

“Karata.” Mme Ngema le ena a lebelela Francesca mo matlhong.

Francesca a tshega mme a simolola go gotlhola thata. Ka batla go mo itaya mo sehubeng gore a seke a kgamega.

“Ke a go rata,” a rialo mo go Mme Ngema. “Ga o utlwane le dilo tse di sa siamang.”

“Se se a makatsa”, ka sebela Nate fa Francesca a Mme Ngema ke motho wa bofelo o ke emetseng go mmona fa.”

“Ke sona fela seo,” Nate a rialo, a goa ka lentswe le le tletseng boitumelo. “Frankie o tlisa batho ba mefuta yotlhe. Badumedi le ba ba sa dumeleng, ba batlang fela go bona gore go diragalang.”

O ne a nepile. Rre Daniels, morutabana wa rona wa Physics, o tlile lwantlha go diraa puiso ya tee mme a boa tla lwa bobedi go dira puiso ya karata, ka makgetlo oo mabedi a tswa ka sefatlhego se se maketseng.

Ke belaela a tlaa boa gape go tla go dira puiso ya diatla pele ga letsatsi le wela.

“Francesca o itse tota se a se dirang,” ke rialo ke mo lebeletse. “E kete o …”

“Ke moloi wa nnete wa kwa Romania,” Nate a rialo a tiisitse, pele ga a thubega ka setshego. “Ao bathong! Fa o ka bona sefatlhego sa gago!”

Ka mo phaphaila mo letsogong, ke leka go se tshege le ena. “O seeleele sa motho!”

“Go tlile go nna le mathata bosigong jo,” Francesca a rialo go Mme Ngema. “Ga o ntumele gona jaanong. O tlaa bona moragonyana.”

***

Re bolelele: A o kile wa etela mmonedipele? Go ne ga diregang?