Pic 4

“Leinane la me le dirile gore a ikutlwe botoka”, Sisanda o ne a bolelela ntatemogolo wa gagwe fa a fitlha kwa gae.

Sisanda o ne a etela thutlwanyana gantsi mo motshegareng le ka malatsi a mafelo a beke. Mme nako le nako fa a ya kwa teng, o ne a tsaya leinane le lengwe go le aroganya le ene. Ditsala tse pedi tse dintšhwa di ne di bonala di itumetse fa di le mmogo moo bajanala ba ba fetang ka tsela ba neng ba ba tsaya dinepe.

Ka iketlo ngwana thutlwa o ne a tia. Batho ba kwa lefelong la bosireletso jwa diphologolo ba ne ba mo tlhokomela sentle mme lerato lotlhe le a neng a le bona go tswa mo tsaleng ya gagwe e ntšhwa, e bong Sisanda, le ne le dira dikgakgamatso.

Ka letsatsi le lengwe motsamaisi wa lefelo la bosireletso jwa diphologolo o ne a kopa Sisanda go neela tsala ya gagwe e ntšhwa leina.

“Ke nagana gore Thokozani ke leina le le siameng,” ga rialo Sisanda.

Letsatsi le le latelang motsamaisi wa lefelo la bosireletso jwa diphologolo o ne a leletsa morutabana wa ga Sisanda mogala. O ne a laletsa barutwana botlhe ba mophato wa ga Sisanda go tla le go kopana le Thokozani. Thutlwa e ntle e ne e godile e le telelenyana mme e tiile thata mo dikgweding tse tharo fa e sale go tloga ka leeto la ntlha la ga Sisanda.

Ka letsatsi la leeto, bana ba le someamane ba Kereite 3 ba ne ba letile ka tlhoafalo gore diheke tsa lefelo la bosireletso jwa diphologolo di bulwe. Morago Sisanda o ne a ba etelela botlhe kwa pele ka boipelo go ba isa kwa go Thokozani. Bana ba bangwe ba ne ba leba thutlwa e telele ka kgakgamalo. Ba bangwe ba ne ba tshegatshega ka letshogo. Morutabana wa bone, Mme Khanyile, o ne a nyenya fela.