Pic 3

Sisanda o ne a lela a bo a lela. Mmagwe o ne a leka go mo gomotsa. O ne a ba a mmuisetsa leinane le lengwe gape ka nako ya go robala go mo thusa go lebala gore o ne a utlwela ngwana thutlwa botlhoko thata go le kana kang. Kwa bokhutlong, Sisanda o ne a thulametswia ke go utlwa lentswe la ga mmagwe.

Mo mosong o o latelang Sisanda o ne a tsoga a na le kakanyo!

“A nka tla le wena kwa tirong gompieno?” o ne a botsa rragwe. “Ke na le mpho e ke e tshwaretseng ngwana thutlwa.”

Batsadi ba gagwe ba ne ba lebana, ba nyenya mme ba re, “Ee, go siame o ka tla le rona.”

E ne e le letsatsi le le bothito mme go na le maru mo loaping. Sengwe le sengwe mo lefelong la bosireletso jwa diphologolo se ne se lebega se sisibetse ka tsela e e sa tlwaelegang.

“Ke nagana gore letsatsi ga le phatsime gompieno gonne le hutsafaditswe ke ngwana thutlwa,” ga rialo Sisanda.

Tlou e kgolo e ne ya leba balelapa fa ba feta ka tsela.

“Ka gongwe o ipotsa gore ke goreng mosetsana yo monnye a ya tirong le batsadi ba gagwe,” ga rialo mmagwe Sisanda.

Sisanda o ne a dumela ka tlhogo. “O tlile go makala fa a lemoga lebaka,” o ne a akanya jalo.

Ba ne ba fitlhela ngwana thutlwa a eme a le nosi. Thamo ya gagwe e telele e bile e le tshesane e ne ya obega mme matlho a gagwe a magolo a masetlha a ne a lebega a le bodutu. Sisanda o ne a emela gaufi le ene ka moo a ka kgonang ka teng. O ne a bula kgetsana ya gagwe e nnye mme a ntsha buka. Mme, se se neng sa makatsa batsadi ba gagwe, o ne a simolola go buisetsa ngwana thutlwa. O ne a retolola tlhogo ya gagwe kwa ntlheng ya lentswe la gagwe mme a reetsa jaaka e kete o tlhaloganya lefoko lengwe le lengwe. La ntlha, batsadi ba ga Sisanda ba ne ba nagana gore go buisetsa thutlwa ke selo se se sa tlwaelegang, mme ba ne ba fetola megopolo ya bone fa ba bona ka moo a neng a bontsha a se na letsapa ka gone – matlho a gagwe a a bonolo a lebeletse Sisanda.