Ka kakaretso, mosola wa thuto ke go ruta batho gore ba kgone go nagana ka mokgwa o o tla ba kgontshang go lebana le go samagana le seemo sa loago, bobakapuso le ikonomi jalo jalo. Thuto eno e tshwanetse go ba letla gore ba kgone go lemoga mathata a a leng gone, go a tsharolola sentle, le go a tlhamela ditharabololo tse di tla a kgonang, ka jalo tsa fetola seemo sa botshelo jwa dimilione tsa batho ba maAforika-Borwa.

Puso ya Aforika-Borwa ga e a dira go lekane go naya basha ba botlhe mo Aforika-Borwa ditšhono tsa go bona thuto e e humileng, ya boleng bo bo kwa godimo e e tlhokegang gore basha bano ba tle ba kgone go nna le didiriswa tsa mefutafuta tse di batlegang go dirisana le go gaisana le dinaga tsotlhe khadia le lefatshe, le go iphemela mo go tsone fa go tlhokega.

Kwa dinageng tse dingwe kwa Yuropa tse di jaaka Jeremane le Nederelante jj., basha ba kwa teng bone ba bona thuto e e duelelwang ke dipuso tsa kwa teng, mme mo Aforika basha ba rona ba ba sa ntseng ba le mo tlase ga maemo a kgatelelo ya loago bone ga ba newe thuto e ba neng ba e tshepisitswe ka 1994 ke mokgatlho wa ANC.

Bothata tota ga e se tlhaelo ya matlole a go ka dira jalo, mme ke bogodu le bosenyi mo pusong gammogo le tlhaelo ya thato ya babusi go dira jalo. Thuto eno ya maemogodimo e tshwanetse go fetolwa nnete ka go diriwa karolo ya dipaakanyo (reparations) tsa ikonomi le loago tse di tshwanetseng maAforika otlhe.

Basha ba na le seabe sa botlhokwa gone jaanong, le kamoso, mo tlhabololong ya seemo jaaka se tlhalositswe fa godimo, mme gore go nne jalo, naga ya Aforika-Borwa (le lefatshegadi lotlhe) e ‘tlhoka badiredi thata go na le baeteledipele’, jaaka Carter G. Woodson a buile malebana le bantsho ba kwa Amerika mo lekwalong la gagwe, ‘The miseducation of the negro’ (1933).

Badiredi bano ke bone ba ba tlileng go ithaopa go neela matshelo a bone, e seng mo losong, mme mo botshelong ka ga naga le lefatshegadi tsa kwa gaabo ka go di direla. Go direla setšhaba ke gone go direla batho ka gore ga go na setšhaba ntle le maloko a a se agang.
Basha ba maAforika botlhe ba tshwanetse go rotloediwa go lemoga botlhokwa jwa go batla go ithutela go kgona go nna le seabe mo tiregong ya phetolo ya seemo sa matshelo a bone ka go tlogela mekgwa ya bonosi jaaka go kgathalela bone fela le bamalapa a bone mme ba sa tshwenyege ka seemo sa naga ya Aforika-Borwa le lefatshegadi (kontinente) la Aforika ka bophara, tota le khadia le lefatshe lotlhe.

Basha ke bone bokamoso ba setšhaba ka gore kamoso fa ba setse ba godile go lekana ke bone ba ba tla beng ba le maloko a a godileng mo sone, ba bangwe ebile ba tlile go nna baeteledipele le batsamaisi ba naga eno ka go laola madirelo a a farologaneng a kgwebisano le ditheo tsa puso, gape le tse dingwe mo loagong.
Go botlhokwa gore basha ba bagolonyana, bagolo ka kakaretso, le baeteledipele ba kamoso gore ba lemoge gore dilo mo setšhabeng ga di itire mme di a dirwa, e bile di dirwa ke batho – e bong bone.

Fa kgololosego ya basha e le kgatlhego ya bone ruri, ga go tle go lekana gore ba tsamaye tsela e e tsamaiwang ke bontsi ba batho ya go iteba bone fela mme ba sa lebelele ba bangwe. Gore re mo nakong ya segompieno e re fekeediwang ke mokgwa le melao ya batho ba dinaga tse dingwe mo yone ga go reye gore re na le tetla ya go latlha thuto e e botlhokwa mo botshelong jwa maAforika e mang le mang a e itseng – ‘motho ke motho ka batho ba bangwe!’

Ke maikarabelo a basha le bone (ba bagolonyana) gore ba eme ka dinao ba tseye karolo mo tlhabololong le tshiamiso ya tsamaiso-mpe ya puso le kgatako ya ditshwanelo tsa batho, kgethololo ya mmala, polao, petelelo, bogodu le bosenyi mo setšhabeng ka kakaretso jj., le go nna karolo ya paakanyo le boAforikafatso tota jwa thulaganyo-bothuto, ikonomi, le tshekamelo ya ngwao ya bosetšhaba jalojalo.