“Olebogeng, Rraago o tsile go tsena mo ntlung ka ura ya borobedi go tswa tirong,o dire bonnete jwa gore o bo o boetse gae ka nako eo” go bua mmaagwe

Moeka o ne a akeditse mmaagwe a re o ya kwa gaabo tsala ya gagwe go dira ditiro tsa sekolo,e bile o tsile go boa maitseboanyana,le setse le tlhabile,mme go ne go sa nna jalo!

Mosimane yo o ne a ikemiseditse goya moletlong mongwe o o neng ditsala tsa gagwe di mo laleditse gone,Mme asa itsi gore o “ipakela mathata a seng kana ka sepe”.

Kelebogile, mmaagwe Olebogeng ,e ne e le Mme yo o bogale thata wa molao ,o ne a tlhompiwa ke mongwe le mongwe mo motseng o mogolo o wa kagiso 2.Kelebogile o ne a itikanetse ,e le lekgarebe tota,matlho a tswetse kwantle go tshwana le magetla a gagwe ,a le montshonyana ka mmala Mme a sa fifala..

Olebogeng o ne a sa rate go aketsa mmaagwe,mme o ne a rotloediwa ke mosetsana mongwe yo o neng a bidiwa Palesa,Olebogeng o ne a rata mosetsana yo ka pelo le moya,e ne e re ga Palesa a tlhaga,moeka o bo okare tlhaloganyo e a ema tsi!

Palesa o ne a kopile Olebogeng go tsamaya le ene kwa moletlong o,moeka ga ake a nagana gabedi gararo,e be e le gore o setse a dumetse.

Kelebogile o ne a nagana gore mosimane yo o tsentse dibuka tsa sekolo mo bekeng ya gagwe,kante mosimane ene o latlhagantse diaparo tsa gagwe mogare ga beke gore atle a kgone go tsola tse a ne a di apere a apare tse a di tsentseng mo bekeng gore a kgone a kgabe ,e bile Palesa a tlhome matlho a gagwe mo go ene,bosigo jotlhe.

Ke yole mosimane o ya a lebile kwa ntlheng ya kgoro,le go laela ga ake a laela..

E rile fela a sena go tswela kwa ntle ga ntlu,a bo a apola diaparo tse a ne a di apere,a apara tse a ne a di pakile mo bekeng ya gagwe,ga ake a re kamoso,o ne a gata a gatoga a ya a lebile kwa ntlheng ya lebenkele la ‘dam dam’ kwa Palesa a mo retseng a re ba kopanele gone.Moeka o ne a dula sebaka se se leele thata kwa lebenkeleng leo la ‘dam dam’ a ya kwa le kwa okare koko e batla go baya Mae a yone mo tshimong.

E rile antse a farasela jaana,koloi e e tshweu ka mmala ya bo etla e thuntse lerole mo tseleng,etla e ralala masimo etla e lebile kwa ‘dam dam”, sejanaga se,se ne sa ema kwa pele ga me ,sa bo se mpatlha ka dipone tsa teng,ke sa kgone go bona gore go nale bomang ka fa gare ga yone,ke ne ka rotolola matlho o kare ke morubisi mo setlhareng bosigo.

Go ne ga fologa mosetsanyana mo koloing eo,a apere mosese o o mosweu ka mmala,e ne ele Palesa.

“Ke ne ke sa dumele matlho ame. Jo! o montle e le tota Olebogeng”

O ne a latlhela Palesa ga a ntse a atumela lekau la gagwe.Moeka o ne a sa itsi gore a ka raya palesa a reng,o ne o kare ke legotlo le kganeletswe ke katse.

Palesa o ne a gogagoga olebogeng ka letsogo ,baya ba lebile kwa koloing,a bo a itsise Olebogeng go ditsala tsa gagwe tse ne di le mo koloing eo,e leng molatlhegi,mokgwetsi wa koloi ,le ditsala tsa gagwe tse di tonna,Goitse le Thato .

***

Re bolelle: Onaganang ka se Olebogeng a se dirang ka go akela mmaagwe?