Go ne gwa gogiwa dikgang mo koloing,go tshegiwa ,go le monate.Koloi yone e tsamaya e besitswe ka lobelo le le tsisibosang mmele e le tota.

Ra bo re goroga kwa go neng gotwe go moletlo teng,mme e ne e se yone poleke e Palesa a reetseng Olebogeng a re baya go yone,e ne e le kwa thabeneng go gongwe e e bidiwang ‘bra georgie’s.’ Olebogeng o ne a itsi gore o kwa tlase ga dingwaga go ka tsena kwa phaposing eo,mme ditsala tsa gagwe di ne di a mo rotloetsa go tsena le bone ka fa gare.

Moeka o ne a tshogile thata ka e ne e le santlha a tsena mo thabeneng.

E rile ke tsena fa gare,batho bane baya kwa le kwa,ba itumetse ba tsositse modumo e le tota.

Goitse le Thato ba ne ba tsenelela mo bathong,ke bale!Ba fetelela kwa go rekiwang bojalwa teng ba ntlogela ke le nosi.Palesa le molatlhegi ke ne ke sa itsi gore ba ne ba le ntlha efe,ke ne ke sa ba bone gope.Olebogeng o ne a tsenelela a thula batho a ba thula go fitlha a bo a fitlhelela kwa go ditsala tsaga Palesa,go fitlha ga gagwe abo a ba botsa gore palesa o ntlha efe,babo bataboga banyana ba ya go mo tsaya kwa a ne a le teng.

“Palesa nkise gae” kenna yo ke bua le Palesa.

Ke ne ka kopa palesa gore re boele gae ka gore go ne gonna lefifi thata,ene ke ne ke tshwanetse nkabo ke le kwa gae pele rre wame a goroga go tswa tirong.

Mongwe le mongwe o ne a itumetse mme go ne go se jalo go moeka.Ke ne ka feleletsa ke ikutlwa ke feroga dibete ka go ne go nale mengkgo e e mintsi mo thabeneng eo,e olebogeng a ne a sa otlwela.olebogeng o ne a kopa molatlhegi go mo isa gae,molatlhegi o ne a re phuruphutsa mo thabeneng a re isa kwa koloing.go motsotso oo ,ke ne ka bona gore molatlhegi ke Motho o ntseng jang.

***

Re bolelle: Wena one otla dirang ga ole ditlhakong tsa Olebogeng ona le ditsala tse ntsing jana?