Kare gore Aforika go rileng.
Kana GA o sale legae botshabelo.
Tlhakatlhakano le tlhatlharuane re di Supa go wena.
Aforika emelela o ikarabele, sello se sa feleng se lla ‘tsebeng tsa Bana ba gago ka metlha.
Keare bogodu, bogagapa le bo pelotshetlha bo agile legae LA leruri go wena.
A o rata go le jana, a o Rata Bana ba gago ba iphotlhere ka mokgwa ono?

Aforika, bothata bo kae… Kare matsapa di a tsaya kae?