Leruarua la gauta!
Gauteng,mosimane a tsamaya.
A lebala gaabo!
La mokometsa leruarua,
Kana sala arile keya go batla tiro.
Gauteng e dira dilo.
A tsamaya dingwaga asa gopole gae!
Batsadi ba phela ba beile letsogo phatlheng ba ipotsa okae.
Leruarua la gauta la mokometsa!
A ja monate wa gauta mosimane.
Basetsana ba phela ba modikagane.
Madi a ntsha a reka fela a sa gane.
Tiro ya fela ka bomadimabe.
Leruarua la mokgwaa.
Mosimane a ikgogela gae
A boela gae a sena sepe!
Gauta e setse kwa Gauteng,
Mosimane a sa lebege jaaka motho yo otswang teng.