La fitlha letsatsi la lamatlhatso
Go utlwala selelo fela
Moruti are ” Seleleng baswi, keya Modimo Thato.”
Mme a boloka ngwana wa gagwe
Dikeledi di tshologa fela.
Batla phitlhong ba pallwa ke go opela,
Gole botlhoko ekete motho o go tlhaba ka thipa mo pelong.
Moruti a re “Lerole mo leroleng, Mmu mo mmung.”
Babangwe ba idibala,
Bosetlhogo tota!
Mme o ne a nagana ngwana wa gagwe otla mmoloka.
Mme gompieno ke ene a bolokang ngwana wa gagwe!
Mme a ratharatha ka pelo a re:
“Kana go kgalema ke lekile, jaanong kefa ngwanake o tsere molao wa manong mme kajeno kemo bolokile .. O jelwe ke dibatana tsa nagana.”
“Modimo wame o ntlogeletseng ?”