Bojalwa masenya di agela

Bojalwa tshetlhana ya lerata.

O lebatsa batho maikaelelo

Wa ba dira ba bone fa ba ja nku meno.

Tota mo Aforika Borwa o segetswe fa lefureng

Wa tlogelwa o tlhabile kgobe ka mmutlwa.

Thaka e tshesane ga wa e utlwa ka sepe,

E tsoga ka wena, e robale godimo ga gago.

Ka puo epe ya tlhaloganyo ga ke bue.

Go tshologa diphirimisi fela

Matlho e le a koma

A hibitse e 'ete bobete.

O letlhogonolo bangwe re sa go itsi,

Re ne re tla go lwantsha sa ntswa le katse

Re ne re tla go bapola tadi e amusa,

Ka mowa wa go epela selepe.

Aforika Borwa o e kgomaretse jaaka ‘kgofa kgomong.