Kutlobotlhoko mmaba wa batho!

O seso se se tutetseng boladu,

E re fa mongwe a retelelwa ke go

Se phunya, wa bo o fetela kwa tlhogong.

Ammaruri o legodu le le tlang jaaka setsokotsane

O sekhukhuni se se bonwang ke sebataladi

Sesenyi sa motho yo e reng o mo leba

Wa bo o bona boitumelo bo agile mo go ene.

Tota o mofenyi wa nona le tshadi,

Tshimane le tshetsana e iphitlhela wena-

ka fa morago ga ditshwantsho tsa monyebo.

O mofenyi wa ‘tshimega le magosi

Bagakolodi ba sale ba eme foo o eme fano.

Dithupa tsa gao mo metsing di ineetswe ke yoo o sa bonweng

O tota o le nta ya selomela kobong

Fa go isiwa marapo gobeng

Motho o ratharatha ka pelo bosigo-

Ka ntlha ya go retelelwa ke boroko.

Kga!

Go busa ka seroophate go khutla fa,

Mmaba o dirile go lekane

Retologela kwa o tsopologileng!