Motsadi a phela a ratharatha!
Motsadi wa ba batho a phela ka kutlobotlhoko!
Pelo ele makgasakgasa.
Dikarabo a phela a dibatla.
A felelwa ke maatla.
Mme wa batho a phela ka kutlobotlhoko!
A bua a le nosi a re, “O tshabe motho!”
O tlhagolele mookana wa gola wa go tlhaba
Matlhabisa kgala
Ngwana a motlhapaolla.
A leka go kgalema ngwana a itaola
A re, “Ngwanake se fetole banna jaaka borokgwana ba kafa gare.”
Ngwana a re, “O buang wena mosadimogolo o sa mphe madi.”
A rothisa keledi.
A tlhomoga pelo.
Kana ngwana o gaitse sepe!
Se ke botshelo!