Ke mosetsana wa Motswana,

Fela Ke Mopedi ka tsalo

Tlotlo ke e Rutilwe ke motshwara-thipa

Ke mosetsanyana yo a senang molato

Ke ipela ka Setso le dingwao tsa batswana

Ke gopola ke dutse le nkoko ka fa tlase ga setlhare,

Re nwa mageu a a monate a a dirilweng fa gae

Pele a ikela badimong, Pele Mme a tsewa ka tsa nyalo

Pele re fudugela kwa motseng wa ba ‘pelo tse dikgopo

Mme ga a ka a inaya naga

‘Ngwao le ditso ke di tsaya tsalong

Fa nkabo ke neilwe tšhono ya go ruta ke ne ke tlaa ruta Setswana

Heelang! ‘tlang le ithuteng Setswana

‘tlang re ntshane se se mo inong

‘Puo tsa lona ke kgona go di bua fela

Ga lo itshwenye go ithuta ya me

Lo re “si yawa zonda amatswana”

A go rene kutlwano ‘gareng ga merafe

Ke kgona go bua, go thetha ,go apa, go khuloma”

Setso sa Batswana se ka seke sa nyelela

Ke tlile go Se tshedisa go fitlha metlheng ya bofelo

Ke Moaforika, Ke rata ditso tse dingwe

E tlare ke fetsa ka kwano ka ya go ithuta tse dingwe