Go diragala eng?

By: Nthabiseng Tlometsana

Lefatshe o kua mokgosi,

Mokgosi selelo se thuba pelo,

Pampiri ya mo tshophaganya,

Go diragala eng?

Ba kokame ditulo tsa palamente,

Ba di palama ka mefutafuta,

Ditsebe tsa thibana thi!

Go diragala eng?

Lesea le goga khiba ya motsadi,

Mosadi o tsholetsa matsogo go thiba loso,

Monna o rathaganya lelapa ka tsa gagwe diatla- boatla.

Go diragala eng?

Letsogo la molao le hunyetse e ete khudu e hunyentsa tlhogo,

Dikantorong go utlwagala fela- re go gata motlhala,

Motswasetlhabelo o menoga le kgetse,

Go diragala eng?

Nyalo ke kgolego,

Kga! Nyalo o nkga sebodu,

Nyalo o sebodu!

Go diragala eng?

Go diragala eng tlhe bana ba mpa?

Nako le nako re thubakaka selelo sa podi,

Le mfikwana o itshwara motlhagare,

Go diragala eng?

Mmelegabotlhe o tsokotswa ke setsokotsane,

Bopelotshetlha bo tsubutla tshika ya gagwe,

Monnye o ipona e le mogolo,

Mogolo o ipona e le monnye.

Tlhabosang mantswe lo kgaleme tlhe botlhogoputswa,

Tlhabosang lo sa tshabe go swa lentswe,

Kgagamatsang mantswe lo kgaleme-

Pele mmu o phuphura le marapo