Goreng o ntshotlaka jaana?

Kana ke imelwa ke tsa lefatshe

Mathata le meokgo ga a fele

Kana moipolai ga a lelelwe

Bangwe ba re o selo se sentle

Bangwe ba re o mpho go tswa

Modimong kgotsa badimong

“Nko ya sebodu tshwara ka thata e

sere go utlwa sebodu wa kgaoga”

Ke Yona e nthotloetsang go tshela

Ke Yona e ntsamaisang mo botshelong

Re ka seka ra ikana wena