Bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya tsie
Batsadi go swa, boswa bo tsene motseng
Ngwao boswa ga re bue
Re bua boswa tlhola mathata
O ka baya tau botsetsi
Go šha ngwana leina mathata
Bogatlhamelamasisi ke jwa yo o pelo e thata
Ere thateng go retetse, maima a totile tota
Ba lebale karogano ele, ya bonnye jwa sejo
E kare go mekagarano, ‘thole di kuile
‘Ntšwe le kuiwang ele boswa, khumo ya lehatshe
Oh! Kana ga go ope ope yo o ka fologelang tlase nayo
A boammaaruri bo roromisang pelo
Botlhabang, motho a tsitle jaaka ntswa e timilwe mmutla eo kgogotse
Ka go sita maano fela a loso
Ga ke go hutse ke eng, wa swela ruri?
Ruri o thatafaditse pelo, o ikanne ka boammaaruri
Otla belega ngwana wa mosimane
Wa taa leina letlhoo
O kitlantse meno go menagane
Bona jaaka ba letsele bana
Ba betsana ka noga e tshela
Ba kgaogana jaaka sesana se utlwile selepe
Bowa boswa, bosha go simololwe sesha.