Ka ngwaga wa 2020 ene ele nako tsa COVID19 ke ne ka kopana le Monna o motelle ale montshonyana ka ditebego. Ka tsatsi lengwe one a kopa dinomoro tsa mogala waletheka le leina laka mme ke ne ka monaya tse eseng tsame tota le leina, o ne a tswelela jalo a dibatla gofitlha a dikereya mme rene ra simolola go bua ka mogala-waletheka phakela, motshegare le maitseboa gofitlha rekopana. Abuti nna le ena rene ra simolola go nna monwana le lenala Beke ne e kase fele reise rekopane, neke mmitsa ” Abuti” ampitsa ” mogatsaka” Lerato la rona lagola.

Ka ngwaga wa 2021 ka letsatsi laka la matsalo o ne a simolola ka go romela molaetsa wa matsalo ebe retswa di out….gotlogeng foo ebe enna setlwaedi gore ratlholana ebile redirelana nako. Ka ngwaga wa 2022 re ne ra simolola go bua ka go nna le ngwana O eleng wa rona le gore romogodisa yang ka gore ene o ne a setse a nale Bana Bale babedi…..rene ra tswelela yalo re Bua gore ngwana rosimolola leng go modirag, go Bua nnete fela gara sokola gomodira ka Ngwanatsele ka 20 ke ketla lemoga diphetogo mo mmeleng mme ke ne ka ya bookelong godira diteko tsa Madi mme fa digoroga dine TSA tlhalosa fa ke imile kene ke itumetse tota mme ka leletsa Abuti ka mmolella ka dikgong tse di monate o ne a utlwala aitumetse thata.

Ka ferikgong wa 2023 dilo tsa fetoga ge ketla ka kgang ya go bega mpa O ne a bua gore ene ga a gopole a robetse lenna ebile ga a ditsene kene ka itsese balesika ka kgang ena. Ka Moranang o ne a simolola go bua lenna mme gagotla mokgang ya ngwana o ne a sa bue sepe kene ka simolola go nagana gore gongwe go dirisitswe ditswammung gre rekgaogane gone tota gwa kgonega kene ka tshwannwa ke gore ke tsamae leeto la boimana kele nosi gone gole botlhoko ka gore ngwana ona ne remmatla rele babedi, mme gomopieno jaana ke mogodisa kele1 ka ntlha ya batho ba ba boneng gole mosola gore bare kgaogantshe ruri Lerato le botlhoko