Ke ne ke lebeletse Tau a apara diaparo tsa gagwe tsa setso a ipaakanyetsa kgwetlho y korone. Letlalo la tau le ne le tiile mo legetleng la gagwe, boswa jwa lelapa la gagwe. Letshwao le le neng le bontsha maatla a gagwe mo magosing a mangwe le diphologolo.Lerumo le thebe ya gagwe di mo letsogong la gagwe la Molema. O ne a di tshwere ka thata, e kete o tsaletswe go lwela lefelo la gagwe mo botshelong.

“Gatwe monna yo o lwang le ene ga a na maatla, fela o na le kitso e e fetang dingwaga tsa gagwe. Se a se nang sone mo maatleng, o na le son emo lebelong,” ka rialo, sefatlhego sa me se tshogile gape ke itumetse. Ke a itse gore a ka se fenye se, fela karolo nngwe ya me ga e batle go mmona a phutlhama.

“Ga go tshwenye, moratiwa. O tla tlholega le fa go ntse jalo. Ke ntse ke ikatisa botshelo jwa me botlhe. E sa le mosimane yo mošwa.” Maikgantso a gagwe a ntena, fela ga se sepe se sešwa. O akanya gore bogolo jwa gagwe bo tla mo boloka. Fa fela a ne a itse …

Tau o fetsa go nwa sego sa khadi ya gagwe pele ga re tswa mo nmogwaafatsheng. Bontsintsi jwa batho ba goa le go letsa meropa ya bona fa re tsamaela kwa lebaleng la ntwa. Ke tsamaya mo morago ga gagwe jaaka e le tiro ya me jaaka mosadi wa kgosi. Ke tsamaisiwa e kete le nna ke tlile go lwa thonamenteng e. Morago ga loso lwa ga rre, ga go ope wa batho ba yo o kileng a ntseela tlhogong. Ditlhong kgotsa go nkutlwela botlhoko ga ke itse, mme fela ke amogela lorato lwa batho ba ke tlileng go ba boloka.

Re ne ra fitlha kwa lebaleng la ntwa mme mogwetlhi wag a Tau o ne a setsse a mo emetse. Ga ese a nne monnatia, e le mosimane wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesomepedi mme fela a ikepa le go gwetlha kgosi ka bogatlhamelamasisi. O eme ka thebe le lerumo tsa gagwe ka tsela e e tshwanang le ya ga Tau, fela seemo sa gagwe ke sa ngwana fa se bapisiwa le Tau. Ga ke na tshepo ya gore ngwana o o tlile go fetsa botshelo jwa ga Tau.

Andiswa le mmaagwe ba mo gare ga bontsi jwa batho, fela ka bonako mmaagwe a tloga moo a ya kwa bogareng jwa lebala la ntwa. Letsogo la ga sedupe la ya kwa godimo mme batho ba didimala.

“Re kopane fano gompieno go bona mong wa rona a leka go kgokgontsha maatla akgosi ya rona e re e ratang. Ntwa ke ya loso. A badimo ba tseye tshwetso,” a rialo lentswe la gagwe le ipoeletsa mo gare ga batho. “Lo ka simolola.”

Mosimane a se senye nako mme a tlhalosa ka yone nako eo. Lerumo la gagwe la feta mo godimo ga tlhogo ya ga Tau ka lebelo le le boitshegang. Tau a mo kgoromeletsa kwa thoko mme a mo tlhaba, lerumo la gagwe la ngata mo thoko ga thebe ya mosimane, maatla a teng a batlile go latlhela mosimane mo fatshe. Mosimane a bona maatla a gagwe mme marumo a bone a kopana mme bogale jwa ona a jwa utlwala jaaka modumo wa kubu. Batho ba goa.

“Ijoo, o bogale e kete ga o mosimane wa maabane,” Tau a dira motlae, mme a latlhela thebe ya gagwe kwa ntle ga lebala la ntwa, e le sesupo sa go itshepa ga gagwe le maikgantso. Mosimane a dira modumo, a kgopisitswe ke maitsholo a kgosi a lenyatso. A tsamaela kwa pele mme a tlhasela gape, ntle le katlego.

Kgosi a tshega ka mosimane mme le ene a latlhela lerumo la gagwe kwa ntle ga lebala la ntwa.

“A se ke sone se ke tshwanetseng go se lwantsha?” a goa, matsogo a gagwe a le mo mowing, “a se ke sone se se morafe wa Ditshepe o ka se dirang?”

Tau a tsamaya ke lebelo la lengau mme a betsa mosimane ka lebole le le bokete mo mpeng.Mosimane a thetheekelela kwa morago mme a kgopega.Fa fela kgosi a ka tla ka maatla a gagwe mo mosimaneng, go tlaa bo go fedile ka ene. O tsamaela kwa go ene ka iketlo, jaaka phologolo e nanabela e e yang go e bolaya. A ragela lerumo la mosimane le thebe ya gagwe kwa thoko mme a gwarasanya letsogo la mosimane ka leoto la gagwe. Segajaja sa mosimane se utlwala mo moweng.

Tau o kgokgontsha mosimane, o batla go bolaya mowa wa gagwe pele ga a bolaya mmele wa gagwe. E kete ngwana a tshameka ka dijo tsa gagwe. Bopelokgopo jo ga bo kitla bo tlhoka go otlhaiwa.

Kgosi a nopa lerumo la mosimane mme a tsamaela kwa go ene, mme fela fa a fitlha kwa go ene, a tlelwa ke go gotlhola go go feteletseng. Lerumo la tshwemoga mo seatleng sa gagwe mme a itshwara sefuba.

“Go sengwe se se sa siamang,” ka goa, “emisa ntwa.”

Tau a wela mo fatshe ka mangole mme a tswelela go gotlhola fa madi a tshologela gotlhe mo mmung. Sedupe a fitlha kwa go ene pele ga nka fitlha koo mme seatla sa gagwe ka bonolo sa dula mo sefubeng sa gagwe fa a hemela kwa godimo.

“O filwe bolthole. Mongwe o mo file bolthole pele ga ntwa,” a rialo mme mantswe a batho a ngunanguna, jaaka e kete mongwe le mongwe o lokologile morago ga go tshwara ka tlhaa,

“Isang kgosi ya lona kwa mogwaafatsheng wa gagwe, ka laela balebeledi, “tlisang mosimane o kwa pele a botsolotswe.” Ke bona Andiswa mo gare ga batho. Ga go na maikutlo a pe mo sefatlhegong sa gagwe. Bobedi jwa rona re a itse gore ke mang yo o molato.

***

Re bolelele: O akanya gore Andiswa o file jang Tau bolthole? A o tlaa fenya?