Mogale o fitlhetse kwa ga monna mongwe yo o kileng a nna tsala ya ga rraagwe ya tlhogo ya kgomo. Monna yo o ne a buisane le Mogale e bile a tshepisitse Mogale tiro kwa femeng nngwe, mme monna yo a diragatsa tshepiso ya gagwe. Dilo di ne di mo tsamaela sentle, e bile a kgona go romela mmaagwe le Mmapula madi kwa gae.
Mogale e ne e le mosimane yo o tlhalefileng. O ne a tshela a loga maano a go dira madi, o ne a batla go sia lehuma ka pelo ya gagwe yotlhe. Ka jalo o ne a simolola go boloka madi, mme fa a bona a kgobokantse a a lekaneng, o ne a simolola kgwebo ya gagwe ya go rekisa diaparo, tse di neng di na le letshwao la leina la gagwe. O simolotse a roka, a di rekisa kwa marekelong mo mafelong a beke fa a sa ye tirong.
Fa nako e ntse e tsamaya, kgwebo ya gagwe e ne ya gola, a dirisana le borrakgwebo ba maemo a kwa godimo e bile ba beeletsa madi mo kgwebong ya gagwe. Mo nakong ya dingwaga tse di mmalwa, Mogale o ne a setse a na le lefelo la gagwe le a direlang kgwebo mo go lona, la moago o mogolo, lebenkele la gagwe e bile le itsagale. Madi e ne e setse e sa tlhole e le bothata jo bo kalo, a itheketse ntlo le koloi, e bile a agetse mmaagwe le bonnakaagwe ntlo kwa gae.
Tshimologo ya mathata e nnile fa Mogale a ne a simolola go se kgotsofalele lehumonyana le a itiretseng lona. Pelo ya gagwe e ne e sa nnisege mme a batla go le gontsi go feta. O ne a simolola go nna le maano a mantsi a go atisa dikgetse tsa gagwe tsa madi. O ne a bolelela mongwe wa ditsala tse a neng a di fitlhetse mono Gauteng ka maano a gagwe.
Maano ga a site, go sita a loso. Mogale le tsala eo ya gagwe, e e bidiwang Kesaotlotla, ba ne ba rwalana ba ya go bona nkadingala. Ba ne ba mo kopa ditlhare tsa go oketsa madi. Nkadingala yo e ne e le mosadimogolo yo a bonagalang a sa bolo go bakwa le badimo. A le mokhutshwane, ka letlalo le le sosobaneng, matlho a a hunyetseng le molomo o o lekeletseng. Fela, o ne a tiile e bile a bonagala a itse tiro ya gagwe jaaka kgabo e itse mapalamo. A sa tlakatlakelwe.
O ne a ba biletsa ka fa kamoreng e e lefifi la mma-ntshwarele-ngwana, e nkga le ditlhare tsa setso phuu! A ba tsenya dibata, a ba nosa meriana e e babang mo go kgonamisang banna-tia ka mangole. Mogale le Kesaotlotla ba ne ba tswa moo ba fufuletswe e bile ba siana fa ba boela gae.
Dipoelo di ne di le dintle. Se se ne se bonala ka gore jaanong botshelo jwa ga Mogale bo ne ba simolola go tobetsega, e le kgotlha-o-mone. Le ene o ne a simolola go tsamaela kwa godimo, a ipona a fitlhile kwa a yang.
Mogale e ne e le monna yo o tlholang a tshwaregile ka ntlha ya tiro e ntsi e a neng a e dira kwa lebenkeleng, le tsele le tsele. Se se ne se ama kamano ya gagwe le Mmapula ka jaanong e ne e tekateka. Ba ne ba sa tlhole ba bua ka selefounu ka malatsi otlhe jaaka kwa tshimologong. E bile Mogale o ne a aga a tenegetse sengwe, mme a thubela pelo mo go Mmapula. Go ne go sa tlhole go le monate magareng ga bone.
Mogale o ne a ikutlwa a le nosi, e bile a tlhoka bothito jwa lerato ka bogaufi. Dikakanyo tse di simolotse fa Lindokuhle a ne a thapiwa go tla go dira “admin” mo lebenkeleng. Mosadi yo, Lindokuhle, o ne a na le kgogedi mo go makatsang, a le pelonolo, ka lentswe le le monate e kete molodi wa dinonyane mo mesong ya selemo. Mogale le Lindokuhle ba ne ba simolola go ikutswa. Kamano ya bona e simolotse e kete ba a tshameka. Go fitlhela ba tsewa ke maikutlo, ba feleletsa ba ratana. Pelo e ja serati, Mogale o ne a fetsa le ya gagwe pelo gore fa e le gore go na le motho yo o tshwanetseng go mo nyala, ke Lindokuhle.
O ne a romela molaetsa kwa gaabo gore bomalome ba baakanye dijase. Lenyalo la ga Mogale le Lindokuhle le ne la fetsa kamano ya ga Mogale le Mmapula. Mogale o ne a sa tlhole a buisana le Mmapula gotlhelele e bile a sa tlhole a botsa le ka matsogo le morwa wa bone, a ba fetogetse gotlhelele.