Moroka: Nnyaa, tau!
Botshelo: Ga ke re o dire jalo, mo tshose fela. Seo se tla dira gore a dumele. (tshipi ya sekolo e a lela). A re boele kwa kgolegelong ya sekolo le bokgoba, ga re ka ke ra diega mo nakong ya ga morutabana Dirontsho. (ba tabogela kwa phaphosiborutelong).

Ke 14h30 morago ga sekolo mme mmaagwe Moroka o goroga kwa sekolong go ya go tsaya morwae. Pharakano e ne e farologane thata go fetisisa kgantele fa go ne go tletse bana ba le bantsi le dikoloi. Motshegare jaanong go didimetse, bana go bonala ba le mmalwa. Rre wa motlhokomedi wa bana ba sekolo ke ena fela yo o dutseng gaufi le baithuti. A emisa koloi a ya kwa go rre wa motlhokomedi.
Mmagwe Moroka: Motshegare o montle rra, a bana ba ke bone fela ba ba setseng mo sekolong?

Motlhokomedi: Thapama e e molemo Mmè, nnyaa bana ba bangwe ba kwa lebaleng la rakebii mo go tlhophiwa batshameki ba ba ratang motshameko oo.

Mmagwe Moroka (a leka go ritibatsa maikutlo a gagwe): Ke nako e kae ba setse ba simolotse?

Motlhokomedi: E re ke lebelele tshupanako ya me, go setse metsotso e le lesome fela. A o batla gore ke go ise kwa lebaleng go ya go bona tiro e ntle ya ngwana wa gago?
Mmaagwe Moroka: O se ka wa tshwenyega, ke tla mo leta mo koloing.

A ya go leta mo koloing, a ba a thulamela lobakanyana a tsosiwa ke mantswe a basimane ba ba tshegelang kwa godimo, ba tsamaya ba lebile kwa hekeng ya sekolo ba apere diaparo tsa go ikatisa e bile ba tshwere diaparo tsa rakebii. Fela Moroka o ne a se yo mo gare ga bana bao, pelo ya Mmagwentse ya tubatuba. A tswelela go batla Moroka ka matlho a gagwe go tswa kwa ntlheng ya kwa basimane ba ntseng ba bua teng, fela fa a se mmone. O ne a tlhaga, a iketlile a tsamaya le tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo e bong Botshelo. Tsala e ya Moroka e ne e tshwana le Moroka ka maitseo le mokgwa, ba itsane go tloga fa ba simolola sekolo ba santse ba le bannye thata. Ba atamela koloi, mme mmaagwe Moroka o ne a phutolola sefatlhego sa gagwe gonne a sa batle gore tsala e mmone gore o galefile. Ba atamela fa koloing, tsala ya Moroka ya buwa pele.
Botshelo: Thapama e e molemo, mama wa ga Moroka.
Mmaagwe Moroka: Dumela mosimane, a mmaago o tlile go go tsaya?
Botshelo: Nnyaa, o bereka thari gompieno, ke tlile go dirisa thekesi go ya gae.
Moroka (a mo tsena mo ganong): Mma, a re ka mo isa gae? Gape re lapile e bile dithekesi di tsaya sebaka go tlala.
Mmaagwe Moroka (a nna le dikgotlhang mo teng): Ga go na bothata, tsenang mo koloing, ga o nne kgakala le kwa rona re nnang teng.
Basimane ba ne ba tsena mo koloing, go ne go didimetse thata. Mma Moroka o ne a tshuba radio gore mmino o thube letlhwa le le bopegang ka fa gare ga gagwe. O ne a sa kgone go botsolotsa Moroka ka maitseo a gagwe fa pele ga tsala ya gagwe, gonne e ne ele motho yo o sa rateng dikgang tsa balelapa la gagwe di itsiwe ke lefatshe lotlhe. Moroka o ne a itse seo sentle.
Mmino wa dira tiro e mmaagwe Moroka o neng a tshepa gore e tla e dira , fa Moroka le tsala ya gagwe ba ntse ba ngunanguna kwa morago ga koloi. E ne e le loeto lo lo sa itumediseng mo go Mma Moroka. O ne a itlhaganeletse go bona a dutse fa fatshe le Moroka a mmotsa dipotso tse di masisi ka boitshwaro jwa gagwe. Ba goroga kwa ga boBotshelo mme tsala ya ga Moroka ya fologa, ditsala tsa sadisana sentle. Moroka le mmaagwe ba ne ba kgweetsa go ya kwa ntlong ya bone kwa ba neng ba ile go tshwarela kgotla teng. Ba goroga fela Moroka a tswa mo koloing ka lobelo a itatlhela ka fa ntlong ya bona, a itatlhela kwa phaposing ya gagwe ya borobalo mme a inotlelela.

Mmaagwe Moroka (a tla a mo setse morago a goa): Moroka… Moroka, tswa ka moo o tle go emela dibe tsa gago.