triiiiiiii!triiiiiiiiiii

Go utlwagala modumo o mogolo wa tshupanako ya mogala mo ntlong ya dikamore tse nnè kwa ga boMoroka le mmaagwe. Moroka ke mosimane wa dingwaga tse sometharo yo o mo mophatong wa borobedi kwa sekolong se segolwane sa Thaba Nchu. Moroka o simolotse mo sekolong seno dibeke di le pedi tse di fetileng, e bile o tlwaela tikologo ka iketlo, le fa a ne a tshogile thata letsatsi la pele fa a ne a simolola mo sekolong seno. Moroka ke ngwana yo o ditlhong. O nna le mmaagwe yo o mo sireletsang thata e bong Dirontsho, yo e leng modiri kwa lebenkeleng la dijo la MacDonald’s. Mmaagwe Moroka o na le ditoro tse dikgolo ka morwae mme o dumela gore thuto ke yone fela thebe e a ka e nayang morwae fa a ka tlhagelwa ke sengwe se se maswe. Rraagwe Moroka ga a yo mo botshelong jwa ga Moroka, ka jalo ke Moroka le mmaagwe fela ka dinako tse dintsi.

“triiitriiii” mogala wa alamo wa tswelela go lela.

Mogala wa letheka o fa thoko ga bolao jwa ga Moroka fela o sa ntse a robetse thata, mme go lebega a sa kgone go o utlwa. Tota e bile, modumo o mogolo wa alamo o lebega o dira se se farologaneng le go mo tsosa, go na le gore o mo tsose, o lebega o mo ritibatsa le go mo isa kwa borokong jo bo boteng mme o senya nako e a e boloketsweng ya go ipaakanyetsa go ya sekolong. Fa alamo e ntse e lela thata, o nna a fetola maemo a gagwe a go robala, a itshidila le go gagamatsa mmele wa gagwe gore a robale sentle. Mmaagwe yo o kwa ntlheng e nngwe ya kamore o setse a tsosiwa ke modumo wa alamo mme o ntse mo bolaong jwa gagwe a rapela ka tidimalo gore morwae a dire selo se se siameng mme a tsoge a eme mo bolaong jwa gagwe ka boene. Modumo wa alamo o ne wa swabisa mmaagwe Moroka yo kgabagare a neng a tsoga mo bolaong jwa gagwe, mme a ya kwa kamoreng ya morwae, mme a fitlha a bua ka lentswe le le kwa godimo.

Mmaagwe Moroka: Moroka tsoga, a tota ga o utlwe alamo eno!

Moroka (a arabela mo borokong jo bogolo): Hmmm.
Mmaagwe Moroka (a goga dikobo tsotlhe tsa ga Moroka ka dikgoka mme a di latlhela fa fatshe): Fa o sa tsoge gone jaanong jaana, ke tlile go go gasa ka metsi a tsididi mo bolaong jwa gago.
Moroka (a tsoga ka pele fa a utlwa go buiwa ka metsi): E seng metsi …ke tsogile, ke tsogile! (a ema ka maoto).
Mmaagwe Moroka: Ke goreng ke tshwanetse go go tsosa letsatsi le lengwe le le lengwe? Ke goreng o itira e kare ga o utlwe alamo e le gaufi le wena?

Moroka: Ga e ka e utlwa, ka gongwe ke ka ntlha ya gore mogala ono o monnye mme o dira modumo o o sa utlwaleng sentle. Fa nkabo ke na le mogala o e leng wa me, ke ne ke tla tlhopha modumo o o monate o o neng o tla ntsosa e bile o nnatefela.

Mmagwe Moroka: Ke tla go rekela selefounu ya gago morago ga kgweditharo ya bobedi le morago ga gore ke bone gore o kgona go tlwaela mophato o mosha ono.

Moroka: Mama, ke tsetswe ke le setswerere, ano ke mafoko a o a mpolelelang ka metlha. Mogala wa letheka ga o kitla o isa dithuto tsa ka kwa tlase fela o tla nthusa gore ke tsoge ka nako.
Mmaagwe Moroka: Moroka, ga ke na nako ya go ngangisana le wena, re setse re le thari ka ntlha ya go rata go robala ga gago.
Moroka a ya go tlhapa fa mmaagwe le ene a setse a ipaakanya, Moroka o ne a ja sefitlholo sa gagwe mme a tsaya dinotlolo tsa koloi go ya go e phepafatsa pele ba ya sekolong. E ne e le tiro e a e ratang thata ya letsatsi lengwe le lengwe, ka gonne fa a ntse a phepafatsa koloi o ne a reetsa mmino o a o ratang thata. Fa a sena go fetsa o ne a nna mo koloing a tshwere kgetsana ya gagwe ya sekolo a emetse mmaagwe, yo o neng a tla a tabogile kwa koloing mme a mmotsolotsa dipotso
Mmagwe Moroka: A o tshubile setofo? A o tswetse pompo? A o tsentse mogopo wa gago mo sedibeng?

Moroka a araba dipotso tseo, mmaagwe a tla ka koloi mme a isa Moroka kwa sekolong. Go ne go na le pharakano e e bonya mo mosong ono fa ba ya sekolong.

Moroka: Ke batlile ke lebala go go bolelela, maabane kwa sekolong go ne ga nna le kitsiso ya gore gompieno morago ga sekolo mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go tsenela rakebii o tshwanetse go ya kwa lebaleng la rakebii koo mokatisi a tla bong a tlhopha maloko a setlhopha se se tlileng go emela sekolo.

Mmaagwe Moroka: Ke dikgang tse di monate mo baneng ba le bantsi ba ba ntseng ba le kwa sekolong nako e telele, ke selo se se siameng gore ba ye kwa rakebiing mme ba e tsenele. Ka bomadimabe mo go wena ke dikgang tse di bosula, gonne tiro ya gago ya sekolo e tlile go salela kwa morago fa o ka nna o mongwe wa batshameki. Ga o ise o tlwaele kereiti ya borobedi, le ditiro tsa yone le ditlhokego tsa yone, rakebii e tla go kgoreletsa. Ga o tlhole o le kwa sekolong sa poraemari mme o mo sekolong se segolo jaanong, o tlhoka go tsepamisa mogopolo mo dithutong.

Moroka: Mama ke a kopa, tsala ya me le yone e na le kgatlhego. Tota ke tlhoka go tsenela, ke solofetsa gore ke tla tsoga ka pela, ke a kopa Mama.

Mmaagwe Moroka: Nnyaa, e bile ke la bofelo re bua ka kgang eno. O itse melao ya me, ke batla gore o beye tiro ya gago ya sekolo kwa pele gore o tle o kgone go ya yunibesithing le go itirela sengwe le go itlamela fa o tsofetse.
(Ba goroga kwa sekolong)
Ke tla go bona kwa lefelong la bokopanelo jwa rona ka 14:00 morago ga sekolo.
Moroka ga a arabe mmaagwe, o nna a didimetse fa bogale bo ntse bo oketsega mo teng ga gagwe go fitlha ba goroga kwa sekolong sa gagwe. Go ne go na le pharakano e ntsi ka gonne ba ne ba setse ba le thari. Go ne go na le dikoloi di le dintsi tse di neng di eme, tse dingwe di ne di batla lefelo le le siameng gore ba folose bana ba bona. Batsadi bangwe le bakgweetsi ba ba neng ba fela pelo, ba goa ka lentswe le le kwa godimo e bile ba galefile thata mo mosong. Moroka o ne a tswa mo kgalefelong ya gagwe.

Moroka: A nka fologa fano?

Mmagwe Moroka: Ga go na bothata, tlola o tswe mo koloing.

Moroka (a tswa ka mojako wa ya koloi o o kwa morago, a kopa mmaagwe gore a bule fensetere ya koloi a bua a itlhaganetse): Ke maswabi Mma, fela ke ya go tshameka rakebii gompieno morago ga sekolo!

A sianela ka bonako mo gare ga sekolo, mmaagwe a a letsa molodi wa koloi nako e telele ka ntlha ya go galefa.