Ka nakwana fela, Sparrow o ne a apere mme a simolola go tsaya ditshwantso. Sparrow o ne a sa rate go tsaya ditshwantso bogolo thata go dira meemo ya go tsaya ditshwantso, fela se e ne e le tiro mme o ne a tshwanetse go e dira. Fa ba ne ba feditse, o ne a dula le mmotsolotsi, le Thomas le Jazz a ntse a tletsetletse mo morago, a reeditse se ba se buang.

“Bona fela! Go ne go kgatlhisa tota. O lebega bontle tota mme ditshwantso di dintle thata,” mmotsolotsi a bua ka boitumelo.

“Ke a leboga,” Sparrow a rialo ka tlhompo.

“Re lebogela gore o be o tlile fano. Tiragatso ya gagwe maabane bosigo e ne e kgatlhisa tota, mme go bua nnete, ke ne ke akantse gore ga o kitla o kgona go nna teng gompieno.”

“Ke eletsa e kete nkabo ke kgonne go dira jalo. Fela ke dirile ka thata go fitlhelela fa ke leng teng, e bile ga ke na go neela toro ya me fela jalo,” a rialo a lebelela Jazz. O ne a nyenya ka ditlhong.

Mmotsolotsi a dumela ka tlhogo. “Jaanong o kgona jag se? O nna jang mo maemog a a kwa godimo?”

“Ga go bonolo,” Sparrow a rialo a tshega, “fela ken a le setlhopha se se makatsang le motsamaisi o o botlhale o o itseng go dirisa talente ya me.”

“Thomas a tshega, “Ke ka moo o ntuelang madi a a thibang letsatsi.”

Mmotsolotsi a nyenya. “Thomas o botlhale tota e bile re itse kgang ya lona ya gore lo fitlhile mmogo jang fa. Fela ga go itsege that ka botshelo jwa gago kwa ntle ga mmino. A o ka kgona go bolelela babuisi ba rona go le gonnye ka ga wena?”

“Ke ka gonne ga ke celebrity …”

“Ga o ise o fitlhe foo,” Jazz a rialo kwa sekhutlwanong, jaaka molatedi yo o tswang pelo, a ikgogomosa. Mongwe le mongwe o ne a mo lebelela mme a se tseele puo ya gagwe tlhogong.

Sparrow a tswelela e kete ga a tsenwa ganong. “Ke ngwanyana fela wa torotswana e nnya. Ga ke na sepe se se jesang monate.”

“Seo ga ke se dumele!” lekgarebe lengwe la rialo. “Ke bone tiragatso ya gago maabane le ditiragatso tse dingwe tsotlhe. Di monate tota. Seo se ka se jese monate jang?”

“Mmino o ntetla gore ke fetoge motho mongwe, fela ntle ga moo ke nna Morgan fela. Ke ditlhong e bile ke rata go nna ke le esi. Thomas ke ene fela tsala ya me mm eke rata gore go nne fela jalo.”

“Tota go na le bangwe ba le bantsi. Ditsala tsa kgale? Balelapa la gago kwa PE, ga go anna jalo?”

“Ee. Mme le bokgaitsadiake ba ntse ba le teng koo. E bile go tla itumedisa go ba bona gape fa ke tsena mo loetong.”

Go ne ga nna tidimalo fa mmotsolotsi a lebelela bukana ya gagwe.

“Jaanong re bolelele ka lekawana le le le mo botshelong jwa gago. Ke Jazz akere? Re utlwile gore lo baratani ba sebaka.”

Go tswa kwa karolong e nngwe ya phaposi Thomas a edimola. Sparrow a gagamalanyana mo setulong sa gagwe. Ba utlwa “magatwe” a mo nakong e e fetileng, fela ga ese ba ke ba bue ka gay one. Jazz o ne a beile ditshwantso tsa bone tsa kgale mo Instagram gape. Ga go ope yo o kileng a botsa potso e, fela jaanong ke e.

Sparrow o ne a utlwa tlhoga ya gagwe e dikologa, maotwana dikologa jaaka motšhini o o tlhatswang diaparo. A lebelela Jazz. O ne amo lebeletse jaaka ntšwanyana e emetse go latlhelwa legonnyana la yona gore e tabogele go le tshwara. O ne a lebega jaaka seeleele. Goreng a ese a ke a mmone jaana?

Jaanong a lebelela ntlheng ya ga Thomas fela a se bone sepe go tswa kwa go Thomas. Ka gale o ne a tle a tsena puisano mo gare mme a e kgaole, fela jaanong gongwe e ne e le nako ya ga Sparrow ya go ikemela. O ne a tshwanela go emelana le se mme nako e e siameng e ne e le yone e.

“Nna le Jazz re ne re utlwana dingwaga tse di fetileng. Fela re ne ra kgaogana mm era tsamaya ditsela tsa rona.”

“Fela ditshwantso tsa mafaratlhatlha ga di bontshe jalo.”

“Jazz ke molatedi fela,” a rialo a mo lebeletse. “Ke utlwile gore o imisitse … ga ke gopole leina la gagwe, ke nosetsana o o dirang ka di make-up.”

Jazz a gotlhola.

Mmotsolotsi a lebelela Jazz. “A go na le sengwe se o batlang go se tlatsa? O ka re fa leina la gagwe? Gore go itsewe?”

“Ke … Eng?” Jazz a ngunanguna mme a itira e kete o araba mogala. “Tshwarelo,” a araba mogala wa gagwe le fa ba ne ba bona gore e timile, mme a tswela kwa ntle.

“Ke akanya gore ke labofelo ke mmona.” Sparrow a rialo ka tšhakgalo.

“A o raya gore o ntse a sa bue nnete? Bobedi jwa lona bo bonwe bo ja dijo tsa maitsiboa malobanyana fale.”

“E ne le dijo fela tsa maitsiboa. O ne a tlhoka thuso ya me mme ka gana. Ke sona fela seo. Ga ke kgone go mo thusa fa se a se batlang fela e le go palama lere ya go tuma. Ke akanya gore ke karolo ya go nna ‘celebrity’.”

“Jaanong ga go ope yo o kgethegileng mo botshelong jwa gago?”

“Batho fela b aba mo botshelong jwa me ke balelapa la me, balatedi ba me ba ke ba ratang, le tsala ya me ya nnete le motsamaisi.”

Phaposi e ne e rile tsii.

“Ke belaela jalo. Fela ga ke a gakalela go tsena mo kgolaganong gone jaanong. Ke lebeletse fela tiro ya me.”

“Re lebogela go aragana seo le rona Sparrow.”

Ka seo, puisano yay a bokhutlong. Lekgarebe la mo atlarela, mme a fa Thomas seatla fa a tswela kwa ntle.

Fa mojako e fetsa go tswalega, Sparrow a ya kwa bareng mme a itshelela jinni. A e kadumetsa mme a tshela e nngwe. Thomas a tla a ema mo morago ga gagwe mme a baya seatla sa gagwe mo legetleng la gagwe.

“O dirile sentle tota. Ke leboga that aka go arogana seo,” a rialo, a ipuisa jaaka lekgarebele la mmotsolotsi.

Sparrow a tshelela Thomas seno mme a mo fa. Mmogo ba nna fa fatshe mme ba nwa dino tsa bona ba iketlile.

“Jaanong a o ko o mpolelele,” Thomas a rialo, “goreng o fetotse monagano wa gago?”

“Ga ke itse gore o bua ka eng,” Sparrow a dira motlae.

“Ke itumeletse fela gore tlhaloganyo ya gago e boile, Sparrow-nyana. A leina la gago ka gale le kwalwe mo dinaleding.”

Sparrow a nyenya mme a baya seatla sa gagwe mo go Thomas. “Fela mo thoko ga a gago, moratiwa.”

*****

Re bolelele: O akanyang ka ga leinane le?