Thomas o ne a tshwenyegile gore tlhaloganyo ya ga Sparrow e ne e se mo tirong ya gagwe. E sale fa Jazz a gagabetse gape mo botshelong jwa gagwe, mogopolo wag a Sparrow o ne o se moo. Dibeke tse pedi tse di fetileng, Jazz o ne a mo romelela WhatsApp a kopa gore ba je dijo tsa motshegare mmogo. O ne a dumela. Mme ka nako ya dijo, ba ne ba bua ka go boelana gape.

“Ke dirile phoso, ratu. Ke a go batla gape,” Jazz a rialo, a mo lebeletse mo matlhong.

O ne a lebelela mo fatshe mo poleiting ya gagwe, a sa tshepe sepe. “Fela o thubile pelo ya ka manathwana mme wa ntlogela …”

“Ke a itse, mme ke maswabi ka seo. Ke ne ke le monnye ke le seeleele.”

O ne a batla go mo dumela, fela letswalo la gagwe le ne le sa dumele. Mafoko a ga Thomas a ne a utlwala mo tlhogong ya gagwe.

“O tshameka ka wena,” Thomas o ne a rialo. “O batla fela go go dirisa ka gonne a batla go tuma!”

Sparrow o ratile Jazz botshelo jwa gagwe botlhe e bile ruri o ne a mo batla gape. Fela o ne a sa kgone go tlosa mafoko a ga Thomas mo tlhogong ya gagwe.

“Fa o ka boela kwa go ene mme a thuba pelo ya gago gape, seo se mo go wena! Ga nkitla ke nna teng go go thusa. O tla be o le esi,” O ne a rialo ka sefatlhego sa kutlobotlhoko.

Sparrow o ne a sa kgone go bona botshelo jwa gagwe ntle le tsala ya gagwe ya nnete. Mme tota e ne e le motsamaisi wa makgonthe o o ka mmatlang. E ne e le wa lelapa.

Fela o ne a rata Jazz ka pelo le moya e bile a batla go nna le ena go feta sengwe le sengwe. O ne a mo dumela fa a re o kopa maitshwarelo. Ka jalo a mmoela, le fa Thomas a ne a sa batle. Go nna mo kgolaganong ya lerato le tiro ya mmino go ne gam o thatafalela, bogolo jang fa kgolagano e le ntšhwa jaana ka jalo …

O ne a sena lefoko la go tlhalosa se bone le Jazz ba neng ba na le sone. Go ne go sa tshwane le nako ya pele gotlhelele. Ba ne ba tswelela go dira tse ba neng ba tlwaetse go di dira- ba ne ba ya go ja dijo tsa maitsiboa, bana ditiragatsong, le meletlong. Phetogo e ne e le fela gore ke ene o neng a dira gore Jazz a tsena mme e bile ke ene o neng a mo sala morago.

Fela se se ne se sa lekana mo go Jazz. O ne a batla fela gore a nne le ene ba le babedi, a bua le ka gore o batla gore ba kwale mmino mmogo le go opela mmogo.

O ne a bolelela Thomas se fa ba ne ba ipaakanyetsa puisano ya makasine o o itsegeng. Thomas o ne a mmolelela gore fa Sparrow a ne a batla go nna le segatamarukgwane se, o letlelegile, ga go sepe se a ka se dirang go emisa se. Fela o ne a baya leoto mo fatshe gore ba ka dira mmogo.

“Fa e le gore e bile o akanya ka gay one, jaanong nna ke tla gata kosene,” a rialo ka tšhakgalo, a phuthile matsogo.

O ne a ka se letle seo se diragala. Thomas e ne e le sengwe le sengwe mo go ene. E ne e le karolo ya gagwe. E le e le setlhopha e bile Thomas ga a kitla a mo aketsa le go mo utlwisa btlhoko. O ne a mo rata go feta sengwe le sengwe, fela gone jaanong o ne a mo tena, a mo tlhola nako le nako. O ne a batla go mo gatelela mo sekhutlwaneng mme a mo kgame ka moriri wa gagwe o motelele.

“Fetsa fela puisano e, morago ga moo o ka dira sengwe le sengwe se o batlang go se dira,” a rialo mme a ema a tsamaya.

 ***

Re bolelele: A g  o siame gore Thomas a dire gore Sparrow a tlhope magare ga gagwe le jazz?