Mmoloki a tsamaya, ka Sontaga, a ntse a tenegile mme ke ne ke sa itumela. Pele ga a tsena mo loring ya ga rraagwe a re, “O tlile go tla tantsheng ya materiki kwa Nokeng, ga ke re?”

“Ga o tlhoke le go botsa.”

* * * * *

Ka nako ya dijo tsa motshegare ka Mosupologo, Fani o ne a sa phuthologa. “A go na le sengwe se se phoso?” Ka mmotsa.

“Nnyaa … e seng go le kalo … ke eng fa o botsa?”

“Ga ke itse. A go na le sengwe se o batlang go se bua?”

“Nnyaa … legale, tota se teng. Ke batla go itse gore ….Ke raya gore ke ne ke akanya gore gongwe o batla go ya tantsheng ya materiki le nna?”

“Ee. E leng?”

“Ka Matlhatso a bobedi go tswa jaanong, ka kgwedi ya Lwetse e le malatsi a le somenne.”

“OK, go utlwala go siame.” Ke ne ke rata Fani. O ne a bua go tswa pelong ebile a le pelonomi. Go ne go tlile go nna monate kwa tatsheng.

Fa ke fitlha kwa gae, ka leletsa Mmoloki.

“Halo.”

“A o gorogile sentle kwa gae,” ka rialo.

“Ee, re gorogile sentle.”

“Bona, ke maswabi ka se se diragetseng mo mafelobekeng ano.”

“Go siame.”

“Ke na le dikgang tse di monate,” ka rialo.

“Ke dife?” Mmoloki a botsa.

“Fani o nkopile gore ke ye tantsheng ya materiki le ene fano. E ka re o ka bo o ne wa mmona fa o ne o le fano. Ke akanya gore o ka bo o mo ratile tota. Ke mo reile ka re go siame.”

“Go a itumedisa. E leng?”

“Ka di-14.”

“Tsa kgwedi eno?”

“Ee, a go na le sengwe?”

“Ke lone letsatsi la rona . A go raya gore o ka se tle kwano jaanong?”

Goreng ke sa gakologelwa seo? Ke ne ke sa itse gore ke reng. Ke ne ke setse ke reile Fani ka re ke tla tla, mme gape, a tota go tla bo go siame gore ke ye kwa tantsheng ya materiki kwa Nokeng? Ga ke sa tlhola ke nna koo; ga e sa tlhola e le sekolo sa me. Go ne go ntse jaaka ekete ke ne ke ngangatletse selo se ke neng ke sa tlola ke le karolo ya sone.

“Ke maswabi, Mmoloki, ke lebetse. Gongwe nka tla wa Nokeng mafelobeke morago ga tantshe ya materiki. Ke magelobeke a malatsi a mane, re tla kgona go senya nako e telele re le mmogo mo malatsing ao.”

“Ga ke itse, Baleka. Gongwe re tshwanetse go lebalana waitse. Nna ke bona o setse o gatetse pele mme go lebega o gatetse pele o se na le nna. Jaanong o ngwanyana wa toropo, o tshela botshelo jwa toropo. Ga ke bone gore a ke na le sebaka mo pelong ya gago”

* * * * *

Morago ga dibeke tse tharo ne ke le mo tseleng go ya gae kwa Nokeng. Erile bese e ema, ka bona Ntatemogolo a eme a na le Mighty mme matlho a me a tlala dikeledi. Ka tswa mo beseng ke siana ka itatlhela mo mabogong a ga Ntatemogolo.

“Oh, ke ne ke go tlhologeletswe jang ne!” Ka rialo. Ke bo ke inama ke tlamparela Mighty. Ra tsamaya sekgala se sekhutshwane go tswa kwa beseng go ya kwa ntlong ya ga Ntatemogolo gaufi le lebentlele la gagwe. Jaanong Nokeng e ne e lebega e le motsana o monnye thata o o didimetseng thata. Sengwe le sengwe se ne se lebega se tshwana mme gape se le pharologano. Ke ne ke tlhomamisa gore ke ne ke tlile go bolawa ke kutlobotlhoko fa ke ne le tlogela lefelo leno, mme ga go a nna jalo. Le fa ke ne ke ikutlwa e kare ga ke itse gore ke fa kae, ke ne ke itumeletse go boela mo gae.

Letsatsi le le latelang ka tsoga go santse go le moso mme ka palama baesekele ka ya kwa gaabo Mmoloki. Ke ne ke tshwenyegile, ka gonne ke ne ka felela ke ile tantsheng ya materiki le Fani. Go ne go le monate mme jaanong ke ne ke simolola go ikutlwa gore go ka kgonega gore ke itumele mo Joburg le gore ke ka nna le ditsala tse disha koo. Mme ke ne ke utlwisitse Mmoloki botlhoko ka go sa tle tantsheng ya materiki ya bone mo Nokeng. O ne a sa tlhola a araba diimeile tsa me le melaetsa ya Facebook, kgotsa go araba mogala fa ke letsa. O ne a tenegile mme ke ne ke tshogile gore gongwe botsala jwa rona bo ne bo fedile.

Pula e ne e setse e simolotse go na mo Nokeng mme sengwe le sengwe se ne se le setala ebile se le foreshe mme ka ya kwa gabone ka baesekele. Go ne go apogile sentle mo letsatsing leo mme loapi le le phepa le le botala jo bo tsabakelang. Fa ke tsena mo karateng ya bone ka baesekele, Lady a tla fa kgorong ya lesaka la yone e ntelela ka boitumelo. E ne e nkgakologelwa!

Mmoloki o ne a nkemetseng fa lebating fa ke ne ke fitlha fa ntlong. “A re tsamaye re palame dipitse,” a rialo fela.

Ra baakanya dipitse re bo re tsamaya re di palame re papile le noka, go se na ope yo o buang sepe. Fa re fitlha koo ra fologa re bo re nna mo letshitshing la yone.

“Re ditsala tsa bosakhutleng, seo ga se na go fetoga,” ka simolola. “Mme re tshwanetse go amogela gore ga ke sa tlhola ke nna mono. Dilo tse di re diragalelang tsatsi le letsatsi ga di tshwane. Nka se kgone go tswelela ke nna mo Nokeng mme ke nna kwa Joburg. Nka tsenwa le gone nka bolawa ke bodutu.”

“Ke tlhaloganya sentle. Ke amogela. Ke ne ke itse gore dilo di ne di tlile go fetoga; ke ne ke solofela fela gore di ne di tla seke di fetoge ka bonako. O bua boammaaruri, Nokeng ga e sa tlhola e le legae la gago. Legae la gago e kwa Joburg mme le nna ke tshwanetse go amogela seo,” Mmoloki a rialo, le fa ke ne ke bona matlho a gagwe a tlala dikeledi.

Ka mo tlamparela. “Ga ke akanye gore go na le molao o o reng motho o ka se nne le magae a mabedi. Gongwe Joburg le Nokeng ke magae a me ka bobedi.”

“Gongwe.” Mmoloki a nyenya mme Mighty ya sianela gaufi le ene e bo e latswa dikeledi tse di elelang mo marameng a gagwe.

“A go raya gore re santse re le ditsala?” Ka mmotsa.

“Ga re ise re tlogele go nna ditsala.” A ba a nyenya. “Mpolelele ka tantsi ya lona ya materiki le Fani wa gago he.”

Ka mo leba ke nyenya, mme ka go rialo ke itse gore ke mo gae gape.

***

Re bolelele gore o akanyang: ‘Gae’ ke kwa kae? A ke kwa o leng teng kgotsa kwa pelo ya gago e leng teng? A o ka nna le magae a mabedi?