Ka letsatsi leo nna ke ne ke palame Lady mme Mmoloki, tsala ya me e kgolo, o ne a palame Buck. Ka metlha re ne re palama dipitse re bapile ka tsela eo. Le fa dipitse tseo e ne e le tsa ga Mmoloki rotlhe ka bobedi re ne re leba Lady e le ya me mme Buck e le ya ga Mmoloki. Mo letsatsing leo re ne ra palama go ya fela kwa mafelelong a Noka e Ntsho, ntšwa ya me, Mighty, e re setse morago e siane fela jaaka e ne e tlhola e dira. Re ne ra tsamaya re palame dipitse tsa rona re ya kwa Noka e Ntsho e nnang maphata e fetoga dinoka tse pedi tsa Setlhare le Corbet. E ne e le malatsi a sekolo a boikhutso a kgwedi ya Morule jalo re ne re ka dira sengwe le sengwe se re se batlang letsatsi lotlhe. Fa noka e kgaoganang teng, re ne ra fologa dipitse tsa rona. Re ne re rekile dijonyana tsa motshegare tsa pikiniki. Mmoloki a ala kobo fa nna ke ntse ke pakolola dijo. Dipitse di ne di fula bojang di se kgakala le rona. Mighty e ne e leleka digogwane mo nokeng.

“Maemo a bosa ke a a siameng ka botlalo,” Mmoloki a rialo a kaname mo kobong ebile a lebile loapi le legolo, le letala le le nang le maru a masweu fale le fale.

Ka rapama go bapa le ene mme a le ba dinonyane tse pedi tse ditonanyana tsa dithaga tse di mebala di ntse di aga dintlhaga tsa tsone gaufi le metsi. Ka utlwa korwe e kgolo e letsa molodi kgakala, ka nako e tlhapi e neng e tlola e kapa setsenekegi se se neng se feta se fofa. E ne e le letsatsi le lentle tota. Se ke neng ke sa se itse ka nako eo, mme e le se ke neng ka tloga ka se itse, leo e ne e le letsatsi le lentle la bofelo, leo ke neng ke se na go nna le lone ka nako e telele.

Re ne ra fetsa go ja, ra thuma mo nokeng re bo re siana ka dipitse re boela kwa gae. Mmé o ne a rile ke tshwanetse go boa go santse go na le nako gore ke mo thuse go apaya dijo tsa maitseboa. Ke ne ka thusa Mmoloki go tlhatlhela dipitse pele ga ke palama baesekele ya me le go ya kwa polasing ya rona.

Fa ke tswa mo tseleng ke tsena ka tselana e e tsenang mo lapeng e telele, e e makgabana, ka lemoga ka yone nako eo gore go na le sengwe se se sa siamang. Go ne go na le dikoloi di le pedi di pakile fa pele ga ntlo. E nngwe e ne e le lori ya ga ntatemogolo, mme ke ne ke sa itse tse pedi tse dingwe. Ntatemogolo o ne a dirang fano mo gare ga beke? Gantsi o ne a tla fano ka Sontaga ka nako ya dijo tsa motshegare, ntle le moo mo gare ga beke o ne a bereka ka thata mo lebentleleng la gagwe kwa Nokeng, motse o o se seng kgakala le wa rona. O ne a se na nako ya go kgweetsa go tla kwa go rona.

Ke ne ka paka baesekele ya me mme ka tsena mo ntlong. Mmé o ne a ntse mo sofeng a na le mosadi yo ke neng ke sa mo itse. Mosadi yoo o ne a khabarile mme ka lebogo mme mmé o ne a lela. Moruti wa kereke ya rona, Moruti Reginald, le ene o ne a le teng. O ne a le mo khoneng a bua le Ntatemogolo. Erile ba mpona, mme a goela ko godimo mme a lela mo go botlhoko. Mosadi yo ke sa mo itseng yoo a mo atameletsa kwa go ene mme a mo phaphatha kafa morago a re, “Itshoke tlhe mma.”

Ntatemogolo a tla kwa go nna mme a nkisa mo kitsing mo go neng go se na ope teng. Go rile tu. Go se na dipitsa mo setofong. Go se na merogo e ke neng ke tshwanetse go e tlhatswa le go e gebetlelela. Go ne go se na nama e e neng e gadikega mo paneng. Go diragetseng?

“Baleka,” Ntatemogolo a simolola, “go nnile le kotsi.”

“Kotsi?”

“Ee, ya terekere.”

A tswelela a mpolelela kafa ntate a neng a le mo tshimong e ntšhwa a lema mmidi lekgetlo la bobedi. E ne e le tshimo e a neng a ise a ko a e leme mo nakong e e fetileng. E ne e na le matlapa a mantsi ebile e na le dithota, mme mo mafelong a mangwe e ne e na le mekgokolosa, mme o ne a batla go oketsa masimo a rona. Mo malatsing ano, go lema go ne go le thata, mme o ne a tlhoka go dirisa lefatshe lengwe le lengwe la gagwe gore a kgone go nna le mo go lekaneng. Mme dilo tsa se ka tsa tsamaya sentle. O ne a le nosi, jalo re ne re sa itse se tota se neng sa diragala, mme moagisani o ne a bona terekere e menogile gaufi le thaba. Fa a atamela go bona gore go diragetseng, a bona ntate a tshwerwe ke ditshipi kafa tlase, a setse a tlhokafetse.

“Tiisa pelo gore o tshegetse mmaago, Baleka,” Ntatemogolo a rialo ka letsatsi leo fa a bona ke lela mo go botlhoko ka baka la letshogo le kutlobotlhoko.

Ka leka kafa ke kgonang ka teng. Ke ne ka bereka ke menne phatla selemo seo. Ke ne ke tsoga go sa le moso, pele ga letsatsi le tswa, mme nna le Mighty re bo re ya go bereka. Ke ne ka thusa gongwe le gongwe fa ke neng ke kgona teng. Ke ne ke fepa dikoko ke bo ke bolotsa dipodi. Ka tlhomamisa gore dikgomo tse pedi tse re neng re na le tsone di ne di gamiwa moso le moso. Ke ne ke tsaya mae mo mabosong a dintlhaga tsa dikoko. Ke ne ke thusa monna yo o neng a hiretswe go lema, Pete, ka dijwalo. Go ne go sa lekana le fa go ne go le jalo.

Mme o ne a leka, kea itse gore o ne a leka, mme sengwe mo go ene se ne sa swa fa ntate a ne a tlhokafala. Go ne ga feta dingwaga tse dintsi pele ga ke ka utlwa mmé a tshega gape. Mme, lefa khutsafalo e ne e mo kgoba marapo, o ne a leka ka bojotlhe gore polasi e nne e tswelele, gore a dire mo go lekaneng gore re tswelele re tshela sentle. Mme o ne a palelwa.

***

Re bolelele gore o akanyang: Ditiragalo tsa ntlha mo kgaolong eno di dira gore o ikutlwe jang? A o rata go nna kwa metseng ya selegae?