“Ta dida…ta-ta…tadadeee! Ke dikgang tsa ura ya bosomenngwe mo SABC.
Mapodisa a kwa lekeišeneng la Dobsonville a tshwere namane e tona ya tiro go dumisa setlhako sa molao kwa mmolong wa lefelo leo. Seteišene sa mapodisa kwa Dobsonville se kopile thuso go badirammogo ba sone kwa lekeišeneng la Meadowlands mmogo le kwa toropong ya Roodepoort. Kgomotso Moitseanape o a bega…”
Molomo wa ga Mojalefa o wele fa a bona ditshwantsho tsa ditiragalo tsa kwa Dobsonville Mall.
“Ijoo…Ijoo…Ijoo…we! Kutlwano! Kutlwano tla o bone ntwana!”
“Mm-mm-mm-hm! Di a boa gee nou. Nna ga ke tswa di ne di sa dumi so ntša.”
“Wa bona ntho e ne ke e bua? Bona batho ba bangwe ba katelwa mo diveneng tsa magata. O lakhi o tlile kgale. Mare batho le bone, nna nka seke.”
“Wena Mojalefa akere wena o leghwala.”
“Hai! Ga se boghwala, ke botlhale. Kana go tshwarwa ga se maemo a kere. Goreng ba sa re ba tsaya dijo ka gore ba bolawa ke tlala gee? Moo ne nka utlwanyana?
“Hee bathong! O batla go nthaya gore ba bolawa ke tlala ba botlhe? Nna ke fa ga ke bolawe ke tlala mare ke tso luta.”
“Ga ke re ba bolawa ke tlala botlhe. Ka re goreng ba sa tsaya dilo ka lebaka la go fostiwa ke mabaka? Wa utlwisisa? Gone yanong ga re itse gore ba ka tswa ba ikhabatile yang.”
“Mos le ga e le gore ba be ba ba tshwarela go tsaya dijo fela ba tlogela dilo tso tsotlhe tse dingwe, o batla go nthaya gore magata a ne a tlo ba shenta fela?”
“E seng gore ba ne ba tlo ba tlogela fela mme lebaka le le ba tshwarisitseng le ne le tla tlhomola batho dipelo gore ba batle go ba thusa.”
“E le gore keng ba sa ba thusa pele ga re thuba?” Mare vele mo Mzanzi tshwanetse go senyege pele ghavamente e ka nyakaza.”
Mojalefa o ne a se na karabo.
Mama le Papa ba boile go tswa kwa tirong ka 05:47 maitseboa ka letsatsi leo mme e ne e le tharinyana go na le nako ya tlwaelo e e neng e le pele ga 05:30 ya ka gale. Mama o ne a letsa phala ya koloi jaaka dinako tsotlhe fa ba fitlha kwa keiting. Papa o ne a lapile kajeko mme go tlile go kgweetsa Mama.
“Pepee pepee” ga lela phala ya koloi.
“Kutlwano e ya go bula”, Mojalefa a mo goa a le kwa kitšhining a apaya mme Kutlwano ene a le kwa kamoreng ya gagwe e e kwa ntle.
Kutlwano gompieno o tswile a sa leke go ngangisana le Mojalefa ka gore ke mang yo o yang go bula. Nako e nngwe o ne a tle a tshwenye ka gore Mojalefa e ne e le ene moapei wa mo lapeng mo gare ga beke, e bile ene o ne a apaya mme ka nako e batsadi ba boang ka yone e le Kutlwano yo o neng a tshwanetse go bula. Ka mafelo a beke Mama ke ene yo o neng a tshwaratshwara dipitsa.
(Modumo wa koloi fa e tsena)
“Vuuuu…vuuuum…….vrrrrrrrr…….vu…vu…vu…”
Go ne go na le mosi o montsho o o kuelang ko godimo. Kutlwano o ne a lotlela keetane e be a latela batsadi ba gagwe kwa ntlong.
“Dumelang mo gae. Bathong go nkga monate gore.”
“Agee Ma”, go bua Mojalefa le Kutlwano, yo o neng a tswala lebati.
“Barena, la reng bagaetsho?”, ga dumedisa Papa.
Mojalefa ke fa a re, “Agee Pa.”
“Dumela thaima,” ga latela Kutlwano.
Dijo tsa bosigo boo di ne di le monate thata. Go ne go sa makatse gore Mojalefa a batle go nna moapei kgotsa shefe. Ba ne ba ja botlhe ba ntse ko phaposing ya bojelo jaaka tlwaelo. Mme TV yone e ne e timiwa ka gore Papa o ne a sa batle go jewa go lebilwe TV e bile o ne a sa batle go utlwa sepe. O ne a re o rutilwe jalo fa e sa le a gola, gore nako ya go ja ke nako ya balelapa.
“Mama le bone eng ga le tla le tswa ko mosebetsing? Re utlwile go rasiwa ka bo12 motshegare. Ga ke tswa ke fitlha ko BP ke ga ke utlwa gore go a lutiwa e be ke boa.”
“Wena, ka re re bone go tuka ko sentha. Go ne go tshubilwe mataere a dikoloi, e bile go tletse le mapodisa. A mangwe mo radiong gatwe a ne a tsena ka dijarata a batlana le dilo tse di utswitsweng. Ga ba tla fa?”
“Ba tlo batlang fa? Nka bolaa motho ba nkitse”, Papa a araba Mama e kare o ne a le teng, a ntse a sheba Mojalefa le Kutlwano mo matlhong. E ne e le batsadi ba ba tshepang bana ba bone.
“Rona? “, Kutlwano a tshega ka go fitlha letshogo. “Kante re godisitswe ke bomang?”
Dijo tsa bosigo boo di fedile sentle mme ke fa Mama le Papa ba itebelela TV, Mojalefa ene o ne a lapile e be a ya go itulela kwa phaposing ya gagwe a buisa. Kutlwano o ne a sala go sheba TV le ene pele a ya go robala.
POTSO: O nagana eng ka mokgwa o Papa le Mama ba tshepang bana ba bone ka teng?