“O batlile o lebega jaaka Jasmine wa ga Alladin,” Nate a rialo, fa re tsamaela kwa morago ga laeborari ka nako ya dijo tsa motshegare.

“Goreng? Ka gonne ke le moIndiya?” ka dira motlae.

“Ee, e tshwanetse e bo e le seo.” Nate a goloka matlho a gagwe mme a goga setulo, a latlhela kgetsana ya gagwe mo godimo ga tafole.

Fa a tsamaisa matlho a gagwe mo laeboraring, nna ka ‘tsamaisa’ matlho a me mo mmeleng wa gagwe o motelele, wa boatleletiki, ka moo hempe ya gagwe e tshweu e mo tshwereng magetla le matsogo ka teng, di bontsha gore di fitlhile mesifa. Mme ruri, ga ese fela sona se ke se ratang ka ena.

Nathaniel Lazarus o na le sefatlhego se se kgatlhisang tota. Se se phuthologileng, se na le nnete, e bile se na le kgogedi. Le gone e bile ke eng fa sefatlhego sa gagwe sa kharamele se le borethe jaana?

Nate a lemoga gore ke mo lebeletse mme a tshega.

“Maitshwarelo! Ke ne ke akanya gore ke bona phatswa mo hempeng ya gago.” Ke ne ka nyenyefatsa matlho mme ka dira e kete ke lebelela phatswa e e seng teng.

O a belalela, mme le ga le a lebelela kwa tlase mo pele ga hempe ya gagwe, a hemela kwa godimo fa modiri wa laeborari a ngongorega ka ‘monkgo o o sa amogelesegeng wa borotho jwa poloni.’

Mohumagadi (le dinko tsa gagwe tse di dirang phetelelo) ke lebaka leo le dirang gore re se ye laeborari ka mo kgonegang. Fela pula e e sa lebelelwang ya re kganela go kopana kwa lefelong la rona la gale.

“Go baya mo rekotong,” Nate a rialo fa a baya fouldara e e kwadilweng “Dilo tsa Moletlomogolo” mo gare ga rona. “Ke akanya gore Jasmine ke Kgosigadi e ntle go gaisa ya Disney.”

Ga ke itse gore ke reng, bogosegolo fa Nate a ntebeletse jaana e kete o kgona go bona boteng jwa mowa wa me. Ke a itse gore go a kgone mme o itse fela go lebelela mo matlhong. Fela ke utlwa sengwe se se dirang gore pelo ya me e ube ka bonakonyana mme le mowa o utlwala o le bokete, e kete o a kgama.

“Aa,” ka rialo, ke retelelwa ke go mo lebelela mo matlhong jaanong, ke tshaba gore ke tlaa tloga ke idibala. “Jaanong, wena, eh, o bolelele ausi wa gago gore ke lebogela gore o re kopantse le mosadi o le wa Romania. O tlile go siamela butu ya rona tota.”

Franscesca o na le dingwaga di le sometlhano robedi, ka meses ya gagwe e e phaphaletseng ya magypsy le dikhafo tsa malomo, o ne a siametse karolo e ya go nna ‘mmonedipele yo o tshosang’thwii. Fa nna le Nate re ne re rulaganya go kopana le ene ka Lamatlhatso o o fetileng go buisana ka ga butu ya rona, o ne a phamola diatla tsa rona ka bobedi mme a re lebelela nako e telele. Jaanong kwa bokhutlong ka lentswe le le magwaripa a re, “Lona bana ke lona lo akanya gore ke motlae. Fela ke tlaa dira tiro ya moletlomogolo.”

Ka bobedi jwa rona re ne re maketse morago ga moo. Bogolosegolo fa a sosobanya madi a dipampiri a re mo fileng ona, a a fitlha mo matswelelng a gagwe, mme a tsena mo morago ga garetene – ya nnete e e nang le dibaga tse di biba-binang.

“Monna wa matlho a a boroko ga a siama, hey. Le eseng,” a rialo a le kwa morago ga garetene.

A bo a feditse. O ne a sa itshwenye go tlhalosa sepe gape.

“Ausi wa me o akanya gore Francesca o tota a a na le maatla a go bonela pele,” Nate a rialo, a goga ntshi ya gagwe e le nngwe.

Ga ke itse ka seo, fela Francesca o ne a na le botshepegi jo bo-mmala diatla ba bangwe ba neng ba se na bona.

“O seke wa lebelela, jaanong,” “Ka rialo ka go seba, ke bona sengwe se se sa tlwaelegang mo laeboraring. “Chloe o tshwere buka.”

Jaaka gale, Nate o ikgatholosa se ke se buang mme a retologa,, a goga sefatlhego fa le ena a bona Chloe Anne Maritz mo karolong ya dibuka tsa Kgale. Ena Chloe yo a kileng a bots aka letsatsi lengwe gore a ‘Shakespeare’ ke leina la bente.

“A kgakgamatso,” Nate a rialo. “Ke mang o neng a itse gore o rata dibuka tsa kgale? Kgotsa dibuka fela?”

Fa re fetsa go ja disangweje tsa rona (re dirisa dikgetsana tsa rona tsa sekolo go iphitlha gore Mohumagadi Felder a se re lemoge), ra dira lenaane la dilo tsotlhe tse re tshwanetseng go di dira pele ga moletlomogolo.

Ka lebelela mogala wa me gape, pelo ya me ya uba fa ke lemoga gore Cheryl ga ese a arabe melaetsa ya me.

“Jazz,” Nate a bua a seba, “Ke fetsa go bona Cheryl a tsena.”

***

Re bolelele: A o dumela gore batho bangwe ba na le bokgoni jwa ‘ponelopele’?