Gore Thebe o fitlhile jang ka kwa kgosing a utlwile ke letsapa go ne go itse selotshipi gonne ke sone se se neng se mo tshereantse mme se mo emisitse e bile se mo kgweetsa ka lerang sone se mo latela. Mmala wa lerang o ne o le mohibidu mme le ne le godile janong, lone le mo kgoma go tswa kwa tlhogong go ya kwa maotong e kete o thuma mo lone.
Solethu ene ka nako e yotlhe eo o ne a fitlha kwa bodibeng mme a fitlhela go setse go na le batho ba bantsinyana.
Batho ba ba neng ba na le dilotshipi ba ne ba tshereantswe le bone mme ba nnisitswe mo fatshe ka gore ba bangwe ba ne ba goa thata e bile ba ikumula moriri ka lebaka la botseno ba letshogo. Ka jalo dilotshipi tsa ba tshereanya botlhe, bakui mmogo le ba ba neng ba sule senku. Tota le fa dilotshipi di sa tla ka ntwa le tshololo ya madi, modumo one di ne di sa o tlhoke.
“Hee banna! Go diragalang golo fa? Nare dilo tse di batla eng? Batho bano botlhe ke ba ke ba itseng mos? Ke bona Mama le Tshego, mme Virginia, rraagwe Nkele, Pinki, mme yo dirang ko ga boPinki le batho ba ko magwinyeng phakela”, a tswelela go ba bala mme ba ntse ba tshereanye botlhe. Go ne go se ope wa batho ba ba neng ba le teng yo o neng a sa amana le ene ka letsatsi leo ka kgomo, puo le tlhaeletsano, monagano jalo jalo.
Dilotshipi tsa mo leba tsotlhe jaaka a ntse a atamela.
Ke fa tsotlhe di ntsha modumo o le mongwe, ” Kroo.. Kroo…kroo…kroo”, di lelela kwa godimo jaanong mme e seng kwa tlase jaaka se se fitlhetseng Thebe, le gone di sa ntse di ba tshereantse. Lebaka e ne e le gore sesupomotlakase sa ga Solethu se ne se bontsha gore ke ene motho yo di neng di mo senka.
“Ro-na re bo ST1000. Se tsho-ge. Re tlha-ga kwa se-tsa-tsing sa tshi-pi, di-ngwa-ga-kga-nya di le se-kete go tswa faa-no. Ga re a tla ka ntwa mo go lona. Re na le ba-tho ba ba-ngwe ba re ba-tla-nang le bo-ne”, tsa bua mmogo e bile di ne di se dintsi thata moo a ka reng ga a kgona go di bona sentle.
Mo go tsone tsotlhe o lemogile se le sengwe fela se se neng se tshwana se le sosi, mme sone se dirilwe ka gouta go na le kopore go tshwana le tse dingwe tsotlhe. O ne a tsaya gore ke sone moeteledipele kampo kgosi ya tsone, mme a leba kwa go sone.
“Solethu, morwa motho ke kgale re go batla.”, sone se bua Setswana sentle mme se sa kwakwaetse jaaka tse dingwe, mme le sone se ne se bua ka lentswe la semotlakase.
“Le mpatla? Ke le mang nna?”
“Re tla re tlolaka lobopo re tswa kwa naleding eno re ya go ele. Rona lotso la rona la semotlakase le tlogile mo lefatshekgolokweng leno dingwaga di le dimilione tse disekete tse di fetileng, re ntshiwa ke motlhodi wa rona Matsieng. Bogologolo tala ka nako eo, Matsieng o ne a fologela kwano a romilwe ke Modimo go tla go o direla lotso la batho ka ditaelo tsa one, mme Matsieng ene a feleletsa a tagilwe ke thata e Modimo o mo e neileng e be a feleletsa a itlholetse rona dilotshipi ka gore batho ka ditaelo tsa Modimo, le fa ba sa swe mowa, ba a swa mme mebele e bole. Seno Matsieng o ne a sa se rate mme a feleletsa a dirile phoso e tona ka go ithare o ne a ka gaisa tlhamo ya Modimo.”
Solethu ke ene fela motho yo o neng a sa tshereana, ke fa lerang le le tlhagang kwa kgosing ya dilotshipi le bopega mo moweng go nna e kare seipone se se neng se bontsha Solethu ditshwantsho tsa ditiragalo tseno tsotlhe di tshamekela ka bonako mme a di bona e bile a di tlhaloganya tsotlhe.
“Yanong nna ka nna le batlang?”
“O mongwe wa batho ba re romilweng mo go bone, re fologetse fano nakonyana mme re tshwanetse go tsamaya gonne re ka se tlogele batho mo lefatsheng re ba tshereantse sebaka ka gore ba ka swa. Re ba dira jaana ka gore ga re batle ba re tlhasela. Re tshwanetse go tsamaya e se kgale mme re tla go busa.”
“…Go siame, a re yeng.”, Solethu o ne a sa tlhole a di boifa.
Batho kwa tlase ba thantse fa dilotshipi di setse di le kwa godimo thata gore ba ka di tlhasela, mme ba ntse ba kgona go di bona di tlhatloga di be di nyelela mo moweng. Batho ba di neng di ba tletse bone ba ne ba sa tlhole ba le mo fatshe le gone ba sa bonale kwa loaping.
Potso: O nagana eng ka gore dilotshipi di tsamaile le Solethu ka tumalano ya gagwe?